Fetela kwa tshedimosetsong

Kolobetso ke Eng?

Kolobetso ke Eng?

Karabo ya Baebele

 Kolobetso ke fa mmele otlhe wa motho o tsenngwa mo metsing o bo o ntshiwa gape. a Baebele e bua ka batho ba le bantsi ba ba ileng ba kolobediwa. (Ditiro 2:41) Mongwe wa bone e ne e le Jesu. O ile a kolobediwa mo Nokeng ya Joredane. (Mathaio 3:13, 16) Monna wa Moethiopia le ene o ne a kolobediwa mo “metsing” a a neng a le gaufi le tsela e a neng a tsamaya ka yone.​—Ditiro 8:36-40.

 Jesu o ne a ruta gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go kolobediwa. (Mathaio 28:19, 20) Moaposetoloi Petere le ene o ile a gatelela se Jesu a ileng a se ruta.​—1 Petere 3:21.

Se se mo setlhogong seno

 Kolobetso e kaya eng?

 Kolobetso ke fa motho a bontsha phatlalatsa gore o ikwatlhaetse maleo a gagwe le gore o solofeditse Modimo gore o tla dira thato ya gagwe. Seo se akaretsa go ikobela Jehofa le Jesu mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Batho ba ba kolobeditsweng ba tshela ka tsela e Modimo a batlang gore ba tshele ka yone, e le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.

 Go kolobediwa mo metsing go bontsha gore motho o fetotse tsela e a neng a tshela ka yone. Jang? Baebele e tshwantsha go kolobediwa le go fitlhwa. (Baroma 6:4; Bakolosa 2:12) Fa motho a tsenngwa mo metsing, seno se bontsha gore o tlogetse tsela e a neng a tshela ka yone. Fa a ntshiwa mo metsing, seno se bontsha gore o simolola botshelo jo bosha e le Mokeresete yo o ineetseng.

 Baebele e a reng ka go kolobediwa ga masea?

 Baebele ga e bue sepe ka go kolobediwa ga masea. b

 Go kolobediwa ga masea ga go dumalane le Dikwalo. Baebele e ruta gore go na le dilo dingwe tse motho yo o batlang go kolobediwa a tlhokang go di dira pele a kolobediwa. Ka sekai, o tshwanetse go tlhaloganya dithuto tsa botlhokwa tse di mo Lefokong la Modimo le go tshela go dumalana le tsone. O tshwanetse go ikwatlhaela maleo a gagwe. Gape o tshwanetse go ineela mo Modimong ka thapelo. (Ditiro 2:38, 41; 8:12) Masea ga a kgone go dira dilo tseno.

 Go kolobediwa mo leineng la Rara, la Morwa le la moya o o boitshepo go kaya eng?

 Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore, ‘ba dire barutwa, ba ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, ba ba rute gore ba ikobele dilo tsotlhe tse a di ba laetseng.’ (Mathaio 28:19, 20) Fa go twe motho o kolobediwa “mo leineng la,” go raya gore o tlhaloganya taolo le maemo a Rara le Morwa ba nang le one le seabe sa moya o o boitshepo wa Modimo. Ka sekai, moaposetoloi Petere o ile a raya monna yo a neng a tshotswe a golafetse a re: “Mo leineng la ga Jesu Keresete wa Monasaretha, ema o tsamaye!” (Ditiro 3:6) Petere o ne a tlhaloganya sentle taolo e Keresete a nang le yone mme o ile a e dirisa go fodisa monna yoo.

  •   “Rara” ke Jehofa c Modimo. Jehofa o na le taolo e e feletseng ka gonne e le Mmopi, Moneibotshelo le Mothatayotlhe.​—Genesise 17:1; Tshenolo 4:11.

  •   “Morwa” ke Jesu Keresete, yo a ileng a re swela. (Baroma 6:23) Ga re ka ke ra bolokwa fa re sa tlhaloganye le go amogela seabe sa botlhokwa se Jesu a nang le sone mo go diragatseng maikaelelo a Modimo ka batho.​—Johane 14:6; 20:31; Ditiro 4:8-12.

  •   “Moya o o boitshepo” ke maatla a a dirang a Modimo. d Modimo o dirisitse moya o o boitshepo go bopa, go naya botshelo, go naya baporofeti ba gagwe le batho ba bangwe molaetsa le go naya batho maatla a go dira thato ya gagwe. (Genesise 1:2; Jobe 33:4; Baroma 15:18, 19) Gape Modimo o ne a dirisa moya o o boitshepo go tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele go kwala dikgopolo tsa gagwe.​—2 Petere 1:21.

 A go kolobediwa gape ke boleo?

 Go tlwaelegile gore motho a fetole bodumedi. A motho yo o kolobeditsweng kwa kerekeng nngwe o tla bo a dira boleo fa a kolobediwa gape? Bangwe ba ka nna ba re ee, ka ntlha ya se ba akanyang gore Baefeso 4:5 e a se kaya fa e re: “Morena a le mongwe, tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe.” Le fa go ntse jalo, temana eno ga e reye gore motho a ka se ka a kgona go kolobediwa gape. Goreng re rialo?

 Se go buiwang ka sone. Se go buiwang ka sone mo go Baefeso 4:5 se bontsha gore moaposetoloi Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Bakeresete ba boammaaruri ba nne seoposengwe mo tumelong. (Baefeso 4:1-3, 16) Ba ne ba ka kgona go nna seoposengwe fa fela ba latela Morena a le mongwe e bong Jesu Keresete, ba na le tumelo e le nngwe kgotsa ba tlhaloganya dithuto tsa Baebele le go dira se Dikwalo di reng ba se dire gore ba kgone go kolobediwa.

 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa ba ba neng ba setse ba kolobeditswe gore ba kolobediwe gape. O ile a ba kopa gore ba dire seno ka gonne le fa gone ba ne ba setse ba kolobeditswe, ba ne ba ise ba tlhaloganye dithuto tsa Bokeresete ka botlalo.​—Ditiro 19:1-5.

 Lebaka le le utlwalang la go kolobediwa. Gore motho a kgone go amogelwa ke Modimo, o tshwanetse go kolobediwa fa fela a tlhaloganya boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng. (1 Timotheo 2:3, 4) Modimo ga a amogele kolobetso ya motho yo o kolobeditsweng a tlhotlhelediwa ke dithuto tsa bodumedi tse di sa dumalaneng le se Baebele e se rutang. (Johane 4:23, 24) Motho a ka tswa a ile a kolobediwa ka maitlhomo a a siameng, mme gone a dirile seo a se na “kitso ya boammaaruri.” (Baroma 10:2) Gore Modimo a mo amogele, o tlhoka go ithuta Baebele, a dirise se a se ithutileng, a ineele mo Modimong a bo a kolobediwa gape. O tla bo a sa leofa fa a kolobediwa ka ntlha ya maemo ano. Tota e bile, o tla bo a dira selo se se siameng.

 Dikolobetso tse dingwe tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng

 Baebele e bua ka dikolobetso tse dingwe tse bokao jwa tsone farologaneng le kolobetso ya mo metsing e e neng e dirwa ke balatedi ba ga Keresete. A re tlotleng ka dingwe tsa tsone.

 Kolobetso e e neng e dirwa ke Johane Mokolobetsi. e Johane o ne a kolobetsa Bajuda le Basokologi ba ba neng ba ikwatlhaela maleo a ba neng ba a dirile ka go tlola Molao wa ga Moshe. Kolobetso eno e ne e baakanyetsa batho go lemoga gore Jesu wa Nasaretha e ne e le Mesia le gore ba a mo amogela.​—Luke 1:13-17; 3:2, 3; Ditiro 19:4.

 Kolobetso ya ga Jesu. Le fa gone Jesu a kolobeditswe ke Johane, kolobetso eo e ne e sa tshwane le tse dingwe. Jesu o ne a se na boleo, e bile ga ise a ko a tsamaye a leofe. (1 Petere 2:21, 22) Ka jalo, fa a kolobediwa e ne e se gore o a ikwatlhaya kgotsa o “kopa segakolodi se se siameng mo Modimong.” (1 Petere 3:21) Go na le moo, o ne a bontsha gore o ineela mo Modimong gore o tla dira thato ya Gagwe e le Mesia kgotsa Keresete yo go boleletsweng pele ka ene. Seno se ne se akaretsa le gore a re swele.​—Bahebera 10:7-10.

 Go kolobediwa ka moya o o boitshepo. Johane Mokolobetsi le Jesu Keresete ba ile ba bua ka go kolobediwa ka moya o o boitshepo. (Mathaio 3:11; Luke 3:16; Ditiro 1:1-5) Go kolobediwa ka moya o o boitshepo ga go tshwane le go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo. (Mathaio 28:19) Goreng re rialo?

 Ke palo e nnye fela ya balatedi ba ga Jesu ba ba kolobediwang ka moya o o boitshepo. Bano ba tloditswe ka moya o o boitshepo ka gonne ba tlhophilwe go busa le Jesu kwa legodimong e le dikgosi le baperesiti. f (1 Petere 1:3, 4; Tshenolo 5:9, 10) Ba tla busa balatedi ba ga Jesu ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.​—Mathaio 5:5; Luke 23:43.

 Go kolobediwa mo go Keresete Jesu le mo losong la gagwe. Batho ba ba kolobediwang ka moya o o boitshepo gape ba “kolobediwa mo go Keresete Jesu.” (Baroma 6:3) Balatedi ba ga Jesu ba ba tla busang le ene kwa legodimong ke bone fela ba ba kolobediwang ka tsela eno. Fa ba kolobediwa mo go Jesu, ba nna karolo ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Jesu ke Tlhogo mme bone ke mmele.​—1 Bakorintha 12:12, 13, 27; Bakolosa 1:18.

 Gape Bakeresete ba ba tloditsweng ba “kolobediwa mo losong lwa [ga Jesu].” (Baroma 6:3, 4) Ba etsa Jesu ka go dira gore go ikobela Modimo e nne selo sa botlhokwa thata mo matshelong a bone. E bile, fela jaaka Jesu ba itse gore ga ba na tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Kolobetso ya bone ya tshwantshetso e wediwa fa ba swa ba bo ba tsosediwa kwa legodimong ka mebele ya moya.​—Baroma 6:5; 1 Bakorintha 15:42-44.

 Go kolobediwa ka molelo. Johane Mokolobetsi o ile a re: “Ene yoo [Jesu] o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo le ka molelo. O tshotse garawe ya gagwe e e olosang, mme o tla phepafatsa seboana sa gagwe ka botlalo, e bile o tla phuthela korong ya gagwe mo mabolokelong, mme mmoko one o tla o ja ka molelo o o ka se kang wa timiwa.” (Mathaio 3:11, 12) Go na le pharologano magareng ga go kolobediwa ka molelo le go kolobediwa ka moya o o boitshepo. Se Johane a se buileng se kaya eng?

 Korong e kaya batho ba ba reetsang Jesu le go mo ikobela. Batho bano ba ka kgona go kolobediwa ka moya o o boitshepo. Mmoko one o kaya batho ba ba sa reetseng Jesu. Batho bano ba tla kolobediwa ka molelo mme seno se kaya gore ba tla senngwa ka bosakhutleng.​—Mathaio 3:7-12; Luke 3:16, 17.

a Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kolobetso” le kaya “go ina, go khurumediwa ke metsi le go ntshiwa mo go one.”​—Vine’s Complete Expository Dictionary of Old and New Testament Words.

b Mo dikerekeng dingwe, gantsi fa lesea le kolobediwa, le kgatshiwa ka metsi kgotsa le tshelwa metsi mo tlhogong le bo le tewa leina.

c Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng, “Jehofa ke Mang?

d Bona setlhogo se se reng, “Moya o o Boitshepo ke Eng?

e Bona setlhogo se se reng, “Who Was John the Baptist?

f Bona setlhogo se se reng, “Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?

g Mo Dibaebeleng dingwe go a tle go dirisiwe lefoko “kolobetso” go tlhalosa dingwao dingwe tse di jaaka go phepafatsa dilwana tsa go jela, ka go di ina mo metsing. (Mareko 7:4; Bahebera 9:10) Seno se farologana gotlhelele le go kolobediwa ga ga Jesu le balatedi ba gagwe.