Kafa Baebele e Tlileng Mo go Rona ka Teng
Kafa Baebele e Tlileng Mo go Rona ka Teng
Go bo Baebele e kgonne go fitlha mo go rona gompieno e sa senyega, ruri seo ke kgakgamatso. E ne ya wediwa mo dingwageng tse di fetang 1 900 tse di fetileng. E ne ya kwalwa mo dilong tse di senyegang—pampiri e e dirilweng ka lotlhaka lwa papirase le letlalo la diphologolo—mme e ne e kwadilwe ka dipuo tse di buiwang ke batho ba le mmalwa gompieno. Mme, banna ba ba nang le taolo, go tloga ka babusi go ya go baeteledipele ba bodumedi, ba lekile ka natla go nyeletsa Baebele.
GO TLILE jang gore buka eno e e tlhomologileng e kgone go nna e ntse e le teng le fa e ne e tlhasetswe mme ya fetoga go nna nngwe ya dibuka tse di itsegeng thata mo bathong gompieno? Ela tlhoko dintlha tseno tse pedi.
Mekwalo e sa Ntse e le Teng mo Dikhoping Tse Dintsi
Batlhokomedi ba mekwalo ya bogologolo ya Baebele, e leng Baiseraele, ba ne ka kelotlhoko ba boloka memeno ya ntlhantlha mme ba dira dikhopi tse mmalwa tsa yone. Ka sekai, dikgosi tsa kwa Iseraele, di ne di boleletswe gore di ikwalele “sekaelo sa molao ono mo bukeng go tswa mo go o o tlhokometsweng ke baperesiti, e bong Balefi.”—Duteronome 17:18.
Baiseraele ba bantsi ba ne ba rata go bala Dikwalo, ba di tsaya e le Lefoko la Modimo. Ka jalo, go kwalolola mekwalo eo go ne ga dirwa ka kelotlhoko e kgolo e bile go dirwa ke bakwadi ba ba neilweng thapiso ya maemo a a kwa godimo. Mongwe wa bakwadi ba ba neng ba boifa Modimo e bong Esera o tlhalosiwa e le “mokwalolodi yo o setswerere mo molaong wa ga Moshe, o o neng o neilwe ke Jehofa Modimo wa Iseraele.” (Esera 7:6) Bakwadi ba Masora ba ba neng ba kwalolola Dikwalo Tsa Sehebera, kgotsa “Tesetamente e Kgologolo,” magareng ga lekgolo la borataro le la bolesome la dingwaga C.E., ba ne ba bala tota le ditlhaka mo mekwalong eno gore ba se ke ba dira diphoso. Tsela eno ya go dira dilo ka kelotlhoko le ka nepo e thusitse gore mekwalo eno e nne e se na diphoso le gore Baebele e kgone go nna e ntse e le teng go sa kgathalasege maiteko a baba ba yone ba neng ba a dira a go leka go e nyeletsa.
Ka sekai, ka 168 B.C.E., mmusi wa Siria Antiochus IV o ne a leka go fedisa dikhopi tsotlhe tsa Dikwalo tsa Sehebera tse a neng a ka di fitlhela go ralala Palesetina. Hisitori ya Bajuda e tlhalosa jaana: “Memeno epe fela ya molao e ba neng ba e bona ba ne ba e gagola ba bo ba e ja ka molelo.” The Jewish Encyclopedia e bolela jaana: “Badiredibagolo ba ba neng ba ikarabelela mo go senyeng dikwalo tseno ba ne ba go dira ba gagamaditse letsogo. . . Fa o fitlhelwa o na le dikwalo tse di boitshepo . . . o ne o atlholelwa loso.” Mme Bajuda ba ba nnang kwa Palesetina le batho ba dinaga tse dingwe ba ne ba nna ba ntse ba na le dikhopi tsa Dikwalo.
Ka bonako fela morago ga gore bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, kgotsa “Tesetamente E Ntšha,” ba fetse tiro ya bone, dikhopi tsa makwalo a bone, boporofeti, le dipego tsa ditiragalo di ne tsa anama. Ka sekai, Johane o ne a kwala Efangele ya gagwe kwa Efeso kgotsa gaufi le yone. Le fa go ntse jalo, karolo ya Efangele eo, karolo ya khopi e bomankge ba reng e kwadilwe dingwaga tse di kwa tlase ga 50 morago ga gore a kwale pego eno, e ne ya fitlhelwa makgolokgolo a dikilometara kwa Egepeto. Pego eo e bontsha gore Bakeresete kwa dinageng tse di kgakala ba ne ba na le dikhopi tsa mekwalo e e tlhotlheleditsweng e e sa tswang go kwalwa ka nako eo.
Go anamisiwa thata ga Lefoko la Modimo le gone go ile ga thusa gore le nne le ntse le le teng makgolokgolo a dingwaga morago ga Keresete. Ka sekai, go begwa gore fa letsatsi le sena go tlhaba mo mesong ka February 23, ka ngwaga wa 303 C.E., Mmusimogolo wa Moroma Diocletian, o ne a lebile masole a gagwe a robaganya mabati a kereke a bo a ja dikhopi tsa Dikwalo ka molelo. Diocletian o ne a akanya gore o tla fedisa Bokeresete ka go fedisa mekwalo e e boitshepo ya bone. Letsatsi le le latelang, o ne a ntsha molawana wa gore, dikhopi tsotlhe tsa Baebele di jewe ka molelo phatlalatsa, go ralala Mmusomogolo wa Roma. Le fa go ntse jalo,
dikhopi dingwe di ne tsa sala, mme tsa kwalololwa gape. Tota e bile, dikarolo tse dikgolo tsa dikhopi tse pedi tsa Baebele tsa Segerika tse go bonalang di ne tsa kwalwa morago ga tlhaselo ya ga Diocletian di sa ntse di le teng le gompieno. E nngwe e kwa Roma; fa e nngwe yone e le kwa Laeboraring ya kwa Boritane kwa Lontone, Engelane.Le fa go ise go bonwe mekwalo ya ntlhantlha ya Baebele, diketekete tsa dikhopi tse di kwadilweng ka seatla tsa Baebele yotlhe kgotsa dikarolwana tsa yone di sa ntse di le teng go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Dingwe tsa tsone ke tsa bogologolo thata. A molaetsa o o mo mekwalong eo ya ntlhantlha o ile wa fetoga fa e ntse e kwalololwa? Mokanoki W. H. Green o tlhalosa jaana malebana le Dikwalo tsa Sehebera: “Go tla bo go siame fa re re ga go na tiro epe ya bogologolo e e ileng ya kwalololwa e bo e se na diphoso go feta eno.” Malebana le Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, moitse mongwe yo o itsegeng wa mekwalo ya Baebele, Sir Frederic Kenyon o ne a kwala jaana: “Nako e e fa gare ga matlha a go kwalwa ga mekwalo ya ntlhantlha le ya bogologolo e e leng teng e khutshwane thata jaana mo e leng gore ga e re sepe tota, le seitsetsepelo sa bofelo sa pelaelo epe ya gore a Dikwalo di tlile mo go rona fela jaaka di ne di kwadilwe la ntlha se tlositswe. Go nna boammaaruri le go ikanyega ga dibuka tsa Tesetamente e Ntšha go ka tsewa e le go go tlhomameng.” Gape o ne a re: “Ga go na pelaelo gore ka kakaretso diteng tsa Baebele di boammaaruri. . . . E bile ga go ka ke ga buiwa jalo ka buka epe e nngwe ya bogologolo mo lefatsheng.”
Thanolo ya Baebele
Ntlha e kgolo ya bobedi e e thusitseng gore Baebele e nne buka e e itsegeng thata mo bathong ke go nna teng ga yone ka dipuo di le dintsi. Ntlha eno e dumalana le maikaelelo a Modimo a gore batho ba ditšhaba tsotlhe le dipuo ba mo itse le go mo obamela “ka moya le boammaaruri.”—Johane 4:23, 24; Mika 4:2.
Thanolo ya ntlha e e neng e itsege ya Dikwalo tsa Sehebera e ne e le Septuagint ya Segerika. E ne e kwaletswe Bajuda ba ba buang Segerika ba ba nnang kwa ntle ga Palesetina mme e ne ya wediwa mo e ka nnang mo makgolong a mabedi a dingwaga pele ga bodiredi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng. Baebele yotlhe, go akaretsa le Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, di ne tsa ranolelwa mo dipuong tse dintsi mo sebakeng sa makgolo a dingwaga a le mmalwa pele e wediwa go ranolwa yotlhe. Mme moragonyana, dikgosi, tota le baperesiti ba ba ka bong ba dirile sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go thusa gore batho botlhe ba nne le Baebele ba ile ba thibela batho gore ba se ka ba nna le Dibaebele tsa bone. Ba lekile thata gore metlhape ya bone e nne e le mo lefifing la semoya ka go dira gore Lefoko la Modimo le ranolelwe fela mo dipuong tse di tlwaelegileng.
E le gore ba emelane le Kereke le Puso batho ba ba pelokgale ba ile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go ranolela Baebele mo dipuong tsa batho. Ka sekai, ka 1530, monna mongwe wa Moesemane William Tyndale, yo o ithutetseng kwa Oxford, o ne a ntsha kgatiso ya dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Dikwalo tsa Sehebera. Le fa a ne a ganediwa thata, o ne a nna motho wa ntlha wa go ranola Baebele ka tlhamalalo go tswa mo Sehebereng go ya mo Seesemaneng. Gape Tyndale e nnile moranodi wa ntlha wa Moesemane go dirisa leina Jehofa. Mokanoki wa Baebele wa Mo-Spain Casiodoro de Reina o ne a iphitlhela a le mo kotsing ya go ka bolawa ke babogisi ba Bakatoliki fa a ntse a ranola nngwe ya dithanolo tsa ntlha tsa Baebele ya Se-Spain. O ne a ya kwa Engelane, Jeremane, Fora, Holland, le Switzerland fa a ntse a ela go fetsa tiro ya gagwe ya go ranola. *
Gompieno Baebele e sa ntse e ranolelwa mo dipuong tse dintsi le go feta, e bile go gatisiwa dikhopi di le dimilionemilione. Go falola ga yone gore e nne buka e e itsegeng thata mo bathong go bontsha boammaaruri jwa mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Petere: “Bojang bo a swaba, le sethunya se a tlhotlhorega, mme lefoko la ga Jehofa lone le nnela ruri.”—1 Petere 1:24, 25.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 14 Thanodi ya ga Reina e ne ya gatisiwa ka 1569 mme ya boelediwa ke Cipriano de Valera ka 1602.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 14]
KE TSHWANETSENG GO BALA THANOLO EFE?
Dipuo tse dintsi di na le dithanolo di le mmalwa tsa Baebele. Dithanolo dingwe di dirisa mafoko a bogologolo, a a seng motlhofo go a tlhaloganya. Tse dingwe di dirisa mafoko a a itlhalosang motlhofo fa o a bala mme e se a a tshwanetseng. Go sa ntse go ntse jalo, dithanolo dingwe di ranola lefoko ka lefoko.
Kgatiso ya Seesemane ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo tse di Boitshepo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e ranotswe go tswa mo puong ya ntlhantlha, e ranolwa ke komiti ya batho ba go sa itsiweng gore ke bomang. Go ne ga dirisiwa yone thanolo eno, go ranolwa dipuo tse dingwe tse 60. Le fa go ntse jalo, baranodi ba dipuo tseo ba dirile maiteko a magolo a go bona gore mafoko a tsamaisana le a puo ya ntlhantlha. Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ikaeletse go ranola puo ya ntlhantlha fela jaaka e ntse fa e le gore thaloso eo ga e ne e fitlha bokao jwa se se tlhalosiwang. Baranodi bano ba leka go dira gore Baebele e tlhaloganyesege motlhofo mo babading gompieno jaaka e ne e tlhaloganyesega motlhofo mo babading ba motlha wa Baebele.
Baitse bangwe ba dipuo ba ile ba sekaseka dithanolo tsa Dibaebele tsa segompieno—go akareletsa le Thanolo ya Lefatshe le Lesha—go bona gore ga di na diphoso dingwe le gore ga di gobelele. Mongwe wa baitse bano ke porofesa Jason David BeDuhn yo o dirang dipatlisiso tsa bodumedi kwa Yunibesithing ya Northern Arizona kwa United States. Ka 2003 o ne a gatisa buka ya ditsebe tse 200 ya “Dithanolo tse robongwe tsa Dibaebele tse di dirisiwang thata tsa Seesemane.” * Mo patlisisong ya gagwe o ne a tlhatlhoba ditemana tse mmalwa tsa Dikwalo tse go ganetsanwang ka tsone, ka gonne ke sone se se dirang gore go nne le “go gobelela go gontsi mo thanolong.” Mo temaneng nngwe le nngwe, o ne a bapisa mekwalo ya Segerika le thanolo nngwe le nngwe ya Seesemane, mme o ne a batlana le karolo epe fela e go lekilweng go fetolwa bokao mo go yone. Mme ke eng se a se fitlhetseng?
BeDuhn o bontsha gore batho ka kakaretso le bakanoki ba bantsi ba Baebele ba tsaya gore go se tshwane go go leng teng mo go Thanolo ya Lefatshe le Lesha (NW) le dithanolo dingwe go bakiwa ke go bo baranodi ba yone ba gobelela. Le fa go ntse jalo o ne a bolela jaana: “Bontsi jwa go sa tshwane go go leng teng mo go NW go bakilwe ke gore ke thanolo e e opang kgomo lonaka ka gonne e ranotswe lefoko ka lefoko, e bile go nnilwe kelotlhoko thata fa e ntse e ranolwa.” Le fa gone BeDuhn a sa dumalane le mafoko mangwe a Thanolo ya Lefatshe le Lesha, o ne a re ke nngwe ya dithanolo “tse di boammaaruri go gaisa tsotlhe tse a di tlhatlhobileng.” O e bitsa a re ke thanolo “e ntle ka tsela e e tlhomologileng.”
Dr. Benjamin Kedar, mokanoki wa Mohebera kwa Israel, le ene o ne a dira tshwaelo e e tshwanang ka Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Ka 1989 o ne a re: “Thanolo eno e supa gore baranodi ba yone ba lekile thata gore diteng tsa yone di tlhaloganngwe sentle e bile e nne tse di leng boammaaruri ka mo go ka kgonegang ka teng. . . . Mo go Thanolo ya Lefatshe le Lesha ga ke ise ke bone maikaelelo ape a go gobelela a go fetola bokao jwa mekwalo ya kwa tshimologong.”
Ipotse jaana: ‘Mokgele wa me ke eng fa ke bala Baebele? A ke batla go bala fela ke sa re sepe ka go nna boammaaruri ga yone? Kgotsa a ke batla go bala ditemana tse di nang le bokao jo bo gaufi thata ka mo go ka kgonegang le mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya ntlhantlha?’ (2 Petere 1:20, 21) Maikemisetso a gago a tla go thusa gore o tlhophe thanolo e e siameng.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 22 Kwantle ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha (ya Seesemane), dithanolo dingwe e ne e le The Amplified New Testament, The Living Bible, The New American Bible With Revised New Testament, New American Standard Bible, The Holy Bible—New International Version, The New Revised Standard Version, The Bible in Today’s English Version, le King James Version.
[Setshwantsho]
“Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo tse di Boitshepo” e teng ka dipuo tse dintsi
[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Mekwalo ya Masora ya seatla
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Karolwana e e nang le Luke 12:7, “. . . se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi”
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Foreground page: National Library of Russia, St. Petersburg; second and third: Bibelmuseum, Münster; background: © The Trustees of the Chester Beatty Library, Dublin