Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boammaaruri ka Keresemose

Boammaaruri ka Keresemose

Boammaaruri ka Keresemose

AO AKANYA gore go botlhokwa go itse boammaaruri ka meletlo le dithuto tsa bodumedi? Fa e le gore go ntse jalo, gongwe o kile wa ipotsa dipotso tseno: (1) A tota Jesu o tshotswe ka December 25? (2) “Banna ba ba botlhale” e ne e le bomang mme a tota ba ne ba le bararo ka palo? (3) Ke “naledi” ya mofuta mang e e neng ya ba isa kwa go Jesu? (4) Santa Claus o amana jang le Jesu le go tsholwa ga gagwe? (5) Modimo o ikutlwa jang ka ngwao ya Keresemose ya go abelana dimpho?

Mma re sekasekeng dipotso tseno go ya ka tshedimosetso e e boammaaruri ya Baebele le ya hisitori.

(1) A Jesu o Tshotswe ka December 25?

Ngwao: Go ya ka ngwao, Jesu o ile a tsholwa ka December 25 mme letsatsi la gagwe la botsalo le ketekiwa ka lone letlha leno. Encyclopedia of Religion ya re: “Keresemose ke fa batho ba le bantsi ba keteka moletlo wa botsalo jwa ga Jesu.”

Tshimologo ya yone: The Christmas Encyclopedia ya re: “Go tlhomiwa ga letsatsi la December 25 ga go a theiwa mo tiragalong nngwe e e mo Baebeleng mme e ne e le go latela meletlo ya boheitane ya Baroma e e neng e tshwarwa kwa bokhutlong jwa ngwaga,” mo e ka nnang ka nako ya fa go ne go ketekiwa letsatsi la mariga le le nang le diura tse dikhutshwane kwa Hemisefereng ya Bokone. Yone buka eo ya tshedimosetso e bolela gore meletlo eo e ne e akaretsa Saturnalia, moletlo wa go tlotlomatsa Saturn, modimo wa temothuo, “le meletlo e e kopaneng ya medimo e mebedi ya letsatsi e leng Sol wa Baroma le Mithra wa Baperesia.” Meletlo eno e mebedi ya botsalo e ne e ketekiwa ka December 25, e leng letsatsi la mariga le le nang le diura tse dikhutshwane go ya ka khalendara ya Julius.

Meletlo eo ya boheitane e ile ya simolola go nna karolo ya tumelo ya “Bokeresete” ka ngwaga wa 350, fa Mopapa Julius I a ne a bolela gore December 25 e tla nna letsatsi la botsalo jwa ga Keresete. Encyclopedia of Religion ya re: “Ka iketlo, botsalo jwa ga Jesu bo ne jwa tsaya boemo jwa meetlo yotlhe e e amanang le go keteka letsatsi le le rileng. Setshwantsho sa letsatsi se ne sa simolola go dirisiwa thata go tshwantshetsa Keresete yo o tsositsweng (yo gape a neng a bidiwa Sol Invictus) mme sediko sa letsatsi sa bogologolo . . . se ne sa simolola go nna sediko sa lesedi se se tlhagang mo godimo ga ditlhogo tsa baitshepi ba Bakeresete.”

Se Baebele e se bolelang: Baebele ga e tlhalose letlha le Jesu a tshotsweng ka lone. Mme gone re ka bolela re gololesegile gore ga a ka a tsholwa ka December 25. Re itse seno jang? Baebele e re bolelela gore ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa, badisa ba ne “ba nna kwa nageng” ba tlhokometse matsomane a bone bosigo gaufi le Bethelehema. (Luke 2:8) Paka e tsididi le ya dipula e ne e simologa ka October mme badisa—segolobogolo kwa dikgaolong tse di tsididi, tse di tshwanang le tse di dikologileng Bethelehema—ba ne ba isa dinku tsa bone kwa mafelong a a babalesegileng bosigo. Ka December, maemo a bosa a ne a nna tsididi thata mme ka dinako dingwe go ne go na le kapoko. *

Go bonala sentle gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba bontsi jwa bone ba neng ba tsamaya le Jesu mo bodireding jwa gagwe, ga ba ise ba ko ba keteke letsatsi la go tsholwa ga gagwe ka letlha lepe fela. Go na le moo, go dumalana le taelo ya gagwe, ba ne ba gopola loso lwa gagwe fela. (Luke 22:17-20; 1 Bakorintha 11:23-26) Go ntse go le jalo, batho ba bangwe ba ka nna ba re, ‘A mme gone go phoso fa Mokeresete a ka amogela dingwao dingwe tsa boheitane?’ Ee, Modimo o go tsaya go le phoso. Jesu Keresete o ne a re: ‘Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le boammaaruri.’Johane 4:23.

(2) “Banna ba ba Botlhale”—Ba ne Ba le Kae ka Palo? E ne E le Bomang?

Ngwao: “Banna ba ba botlhale” ba bararo ba ba tswang kwa botlhaba ba ba neng ba kaelwa ke “naledi,” ba tlhalosiwa ba abela Jesu dimpho a le mo bojelong jwa diruiwa. Ka dinako dingwe go bontshiwa badisa le bone ba le teng.

Tshimologo ya yone: Kwantle ga pego e e sobokantsweng ya Baebele, The Christmas Encyclopedia ya re, “sengwe le sengwe se se kwadilweng ka Banna ba ba Botlhale ke tlhamane.”

Se Baebele e se bolelang: Baebele ga e bolele gore “banna ba ba botlhale” ba ba neng ba etetse Jesu ba ne ba le ba kae. Ba ka tswa ba ne ba le babedi kgotsa ba le bararo, ba le banè kgotsa go feta moo. Le fa ba bidiwa “banna ba ba botlhale” mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele, lefoko la puo ya ntlhantlha ke magoi, le le rayang balepadinaledi kgotsa baloi—ditiro tse Baebele e reng di “makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:10-12) E re ka ba ne ba tsere loeto lo loleele go tswa kwa Botlhaba, balepadinaledi bano ga ba a ka ba kgona go fitlha ka nako go bona Jesu a le mo bojelong jwa diruiwa. Go na le moo, gongwe e le morago ga dikgwedi di se kae ba le mo loetong, ba ile ba “tsena mo ntlong” e Jesu a neng a nna mo go yone. Fa ba le koo, ba ile ba bona “ngwana yo mmotlana a na le Marea mmaagwe.”—Mathaio 2:11.

(3) Ke Naledi ya Mofuta Mang e e Neng e Kaela Balepadinaledi?

Re ka bona karabo ka go ela tlhoko gore naledi eno e ne ya isa banna bao kae. Sa ntlha, ga ya ka ya ba isa ka tlhamalalo kwa Bethelehema, go na le moo, e ile ya ba isa kwa Jerusalema, kwa Kgosi Herode a ileng a utlwa gore ba ne ba botsa ka Jesu gone. Herode o ne “a bitsa balepadinaledi ka sephiri,” mme ba ne ba mmolelela ka “kgosi ya Bajuda” e e neng e sa tswa go tsholwa. Mme Herode o ne a re: “Tsamayang lo batle ngwana yo mmotlana yono ka kelotlhoko, mme fa lo sena go mmona boang lo mpegele.” Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo Herode a ne a kgatlhegela go bona Jesu le ne le sa siama. Go na le moo, mmusi yono yo o ikgogomosang le yo o setlhogo o ne a ikaeletse go bolaya Jesu!—Mathaio 2:1-8, 16.

Se se kgatlhang ke gore go tswa foo, “naledi” e ne ya kaela balepadinaledi go ya kwa borwa kwa Bethelehema. Fa e fitlha koo, e ne ya “ema” fa godimo ga ntlo e Jesu a neng a le mo go yone.—Mathaio 2:9, 10.

Ga go na pelaelo gore naledi eno e ne e se naledi fela e e tlwaelegileng! Mme gone, ke ka ntlha yang fa Modimo, yo o neng a dirisitse baengele go itsise badisa ba ba ikokobeditseng ka go tsholwa ga ga Jesu, jaanong a dirisa naledi go kaela balepadinaledi ba baheitane—sa ntlha kwa mmabeng wa ga Jesu mme morago ga moo kwa ngwaneng? Tshwetso e e utlwalang ka naledi eno ke gore e ne le sedirisiwa se se bosula sa ga Satane, yo o kgonang go dira dilo tse di ntseng jalo. (2 Bathesalonika 2:9, 10) Selo se se gakgamatsang le go feta ke gore, sekgabisa se se bidiwang naledi ya Bethelehema gantsi se bonwa kwa godimo ga setlhare sa Keresemose.

(4) Santa Claus o Amana Jang le Jesu le go Tsholwa ga Gagwe?

Ngwao: Kwa dinageng di le dintsi, Santa Claus o itsege e le motho yo o tlisetsang bana dimpho. Gantsi bana ba kwalela Santa makwalo ba mo kopa dimpho tse go ya ka ngwao eno, a di dirang kwa ntlokgolong ya gagwe e e kwa North Pole, a thusiwa ke batho ba bakhutshwane ba ditlhamane.

Tshimologo ya yone: Go ya ka kgopolo ya batho ba le bantsi, leinane la Santa Claus le simolotswe ke Moitshepi Nicholas, Bishopomogolo wa Myra kwa Asia Minor, e jaanong e leng Turkey. The Christmas Encyclopedia ya re: “Mo e ka nnang sengwe le sengwe se se kwadilweng ka St. Nicholas se theilwe mo ditlhamaneng.” Go ka direga gore leina “Santa Claus” le tswa mo lefokong Sinterklaas, e leng lereo le le fetotsweng la mafoko a Se-Dutch a a rayang “Saint Nicholas.” Go ya ka hisitori le Baebele, Santa Claus ga a amane ka gope le Jesu Keresete.

Se Baebele e se bolelang: “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.” ‘Baagelani’ ba ba gaufi thata le rona ke maloko a rona a malapa. (Baefeso 4:25) Gape Baebele ya re, re tshwanetse go “rata boammaaruri,” re ‘bue boammaaruri mo dipelong tsa rona.’ (Sekarea 8:19; Pesalema 15:2) Gone ke boammaaruri gore go bolelela bana gore Santa ke ene a tlisang dimpho ka Keresemose go ka bonala e le motlae fela o o sa reng sepe mme gone, a go tla bo go siame kgotsa go le botlhale go tsietsa bana ba bannye, le fa gone e se ka maitlhomo a a sa siamang? A ga o bone go gakgamatsa gore moletlo o o neng o tshwanetse go tlotla Jesu, jaanong o setse o dirisiwa go tsietsa bana?

(5) Modimo o Leba Jang go Abelana Dimpho le go Ijesa Monate ka Nako ya Keresemose?

Ngwao: Go aba dimpho ka Keresemose ga go a tlwaelega ka gonne gantsi go akaretsa go abelana dimpho, e bile paka ya Keresemose e itsege ka go ijesa monate.

Tshimologo ya yone: Meletlo ya Saturnalia ya kwa Roma wa bogologolo e ne e simolola ka December 17 mme e khutla ka letsatsi la bo24, ka nako e dimpho di neng di abelanwa ka yone. Mo matlong le mo mebileng go ne go utlwala modumo wa batho ba ba ketekang, ba ba nwang ka tsela e e feteletseng e bile ba sa itshware ka tsela e e siameng. Saturnalia e ne e latelwa ke moletlo wa go keteka letsatsi la ntlha la January. Mme letsatsi leno le lone le ne le ketekiwa ka moletlo o o neng o tsaya malatsi a a ka nnang mararo. Go bonala fa Saturnalia le letsatsi la ntlha la January e ne e le moletlo o le mongwe o o tswelelang.

Se Baebele e se bolelang: Boipelo le bopelotshweu ke dinonofo tse di tlhaolang kobamelo ya boammaaruri. Baebele ya re: “Ipeleng, mme lo itumele, lona basiami.” (Pesalema 32:11) Boipelo jo bo ntseng jalo gantsi bo amanngwa le go nna pelotshweu. (Diane 11:25) Jesu Keresete o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Gape o ne a re: “Itlwaetseng go aba,” kgotsa lo go dire mokgwa wa lona wa botshelo.—Luke 6:38.

Go aba ka tsela eno ga go tshwane ka gope le go aba ka go patelediwa, gongwe e le ka ntlha ya dingwao tsa batho. Baebele e bolela jaana fa e tlhalosa moya wa boammaaruri wa go aba ka bopelotshweu: “A mongwe le mongwe a abe kafa a ikaeletseng ka teng mo pelong; e seng ka bohutsana gongwe ka go patelediwa; gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7, Baebele ya Tswana Central) Botlhe ba ba tsayang tsia kgakololo eno e e molemolemo ya Baebele ba abela ba bangwe ka go bo ba tlhotlheletsega go dira jalo ka bopelotshweu, e bile ba dira jalo nako nngwe le nngwe mo ngwageng. Re tlhomamisegile gore Modimo o segofatsa go aba ka tsela eno le gore le ka motlha go ka se imele.

Se e Seng Boammaaruri!

Fa go sekasekiwa dilo go ya ka Baebele, go bonala gore mo e batlang e le sengwe le sengwe se se amanang le go ketekiwa ga Keresemose, se ka tswa se simologile kwa boheitaneng kgotsa e le dipego tse di sokamisitsweng tsa Baebele. Ka jalo, dingwao tsa Keresemose ke tsa Bokeresete ka leina fela. Mme go tlile jang gore Keresemose e itsege jaaka moletlo wa Bokeresete? Makgolokgolo a dingwaga morago ga loso lwa ga Keresete, go ne ga nna le barutisi ba maaka ba le bantsi, fela jaaka Baebele e ne ya bolelela pele. (2 Timotheo 4:3, 4) Banna bano ba ba se nang mekgwa e e siameng, ba ne ba amegile thata ka gore baheitane ba le bantsi ba amogele Bokeresete, go na le gore ba amege ka go ruta batho boammaaruri. Ka gone, ka iketlo ba ile ba simolola go amogela meletlo mengwe e e itsegeng mo tumelong ya boheitane mme ba e bitsa ya “Bokeresete.”

Baebele e ile ya ntsha tlhagiso ya gore ‘barutisi bano ba maaka’ “ba tla lo dirisa ka tsela e e sa tshwanelang ka mafoko a tsietso. Mme bone, katlholo ya go tswa bogologolong ga e tsamaye ka bonya, le tshenyego ya bone ga e otsele.” (2 Petere 2:1-3) Basupi ba ga Jehofa ba tsaya mafoko ano tsia—fela jaaka ba dira ka Baebele yotlhe, e ba e lebang e le Lefoko la Modimo. (2 Timotheo 3:16) Ka lebaka leno, ba gana dingwao le meletlo ya bodumedi jwa maaka. A go dira jalo go ba amogile boitumelo? Le e seng! Jaaka fa re tla bona, ba ile ba iponela ka bobone gore boammaaruri bo a golola!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Go bonala Jesu a ne a tsholwa ka kgwedi ya bogologolo ya Sejuda ya Ethanime (September-October).

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

JALA MEFERO, ROBA MEFERO

Buka ya Christmas Customs and Traditions—Their History and Significance ya re ka nako nngwe, baemedi ba bagolo ba kereke ba kile “ba lwantshana thata le go dirisiwa ga sengwe le sengwe se se amanang le tumelo ya boheitane.” Mme fa nako e ntse e tsamaya, baeteledipele ba dikereke ba ile ba tlhoafalela go tlatsa ditulo tsa kereke go na le go ruta boammaaruri. Ka lebaka leno, ba ile ba simolola go itlhokomolosa ditlwaelo tseo tsa boheitane. Mme moragonyana, ba ile ba di amogela.

Baebele ya re: ‘Se o se jalang o tla se roba.’ (Bagalatia 6:7) Dikereke ga di a tshwanela go gakgamala fa “mefero” e gola morago ga gore di jale peo ya boheitane mo tshimong ya tsone. Letsatsi leno le le neng le tshwanetse go tlotla go tsholwa ga ga Jesu jaanong le setse le dirisiwa go nna seipato sa go tlhapelwa, dimmolo e setse e le mafelo a a rategang go na le dikereke, malapa a itsenya mo dikolotong le go feta ka ntlha ya go reka dimpho mme bana ga ba itse pharologanyo fa gare ga dikinane le boammaaruri le Santa Claus le Jesu Keresete. Ee, ke ka lebaka le le utlwalang go bo Modimo a ile a re: “Lo tlogele go ama selo se se seng phepa.”—2 Bakorintha 6:17.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Paka ya Keresemose, fela jaaka mo meletlong ya bogologolo ya Saturnalia, e itsege ka go ijesa monate

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Mary Evans Picture Library