Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSOLOTSO | ANTONIO DELLA GATTA

Goreng Moruti a Tlogetse Kereke?

Goreng Moruti a Tlogetse Kereke?

FA Antonio Della Gatta a sena go ithuta kwa Roma ka dingwaga di le robongwe, o ne a tlhomiwa go nna moruti ka 1969. Moragonyana o ne a nna moruti kgotsa mogogi kwa seminareng ya kwa Naples kwa Italy. Fa a le koo a ntse a ithuta e bile a akanya thata, o ne a swetsa ka gore kereke ya Katoliki ga e rute se se mo Baebeleng. O ne a bolelela bakwadi ba Tsogang! se a se dirileng gore a itse Modimo.

Tsweetswee re bolelele gore o godisitswe jang.

Ke tsholetswe kwa Italy ka 1943. Nna, bonkgonne le bonnake re goletse kwa motseng o monnye, rre e le molemi e bile e le mmetli. Batsadi ba rona ba ne ba tlhomamisa gore re ya kerekeng ya Katoliki ka metlha.

Goreng o ne o batla go nna moruti?

Fa ke sa le mosimanyana, ke ne ke rata go reetsa baruti kwa kerekeng. Ke ne ke kgatlhiwa ke mantswe a bone fa ba rera le meletlo e megolo e e neng e dirwa. Seo se ne sa dira gore ke batle go nna moruti. Fa ke na le dingwaga di le 13, ke ne ke tsena sekolo se se nang le bonno e bile go rutiwa basimane gore e nne baruti.

A lo ne lo rutiwa Baebele?

Nnyaa. Fa ke na le dingwaga di le 15, mongwe wa barutabana o ne a nnaya buka ya Diefangele—dipego tsa botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe—e ke neng ka e bala ka makgetlo a le mmalwa. Fa ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka ya go ithuta kwa Roma kwa ditheong tsa bobishopo tse di neng di okametswe ke mopapa. Ke ne ka ithuta Selatine, Segerika, hisitori, filosofi, thutotlhaloganyo le thutabodumedi. Le fa re ne re tshwere ditemana tsa Baebele ka tlhogo e bile re utlwa e balwa mo ditherong tsa Sontaga, tota re ne re sa ithute Baebele.

O ne o le moruti. A o ne o ruta?

Tota ke ne ke dira tiro ya botsamaisi. Mme ke ne ke ruta melao ya Second Vatican Council.

Goreng o ne o belaela kereke?

Ke ne ke tshwenngwa ke dilo tse tharo. Kereke e ne e nna le seabe mo dipolotiking. E ne e letlelela baruti le maloko a kereke go dira dilo tse di sa siamang. E bile dithuto dingwe tsa Katoliki di ne di sa utlwale. Ka sekai, a Modimo yo o lorato a ka otlhaya batho ka bosakhutleng fa ba sena go tlhokafala? Gape, a Modimo o batla gore re boaboeletse dithapelo gantsintsi re dirisa rosari? *

O ne wa dira eng ka gone?

Ke ne ka tsholola dikeledi ke kopa gore Modimo a nthuse. Ka reka Baebele ya Katoliki ya Jerusalem Bible, e e neng e sa tswa go gatisiwa ka Se-Italy mme ka simolola go e bala. Mme ka Sontaga mongwe mo mosong morago ga Mmisa fa ke baya purapura ya me, banna ba babedi ba ne ba tla kwa seminareng. Ba ne ba mpolelela gore ke Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra tlotla ka Baebele le se e se buang ka lobaka lo lo fetang ura malebana le gore re ka bona jang bodumedi jwa boammaaruri.

O ne o ikutlwa jang ka baeng?

Ke ne ke kgatlhiwa ke tsela e ba neng ba tlhatswegile pelo ka yone ka se ba se buang e bile ba mpontsha motlhofo fela ditemana mo Baebeleng ya Katoliki. Moragonyana, Mosupi mongwe yo o bidiwang Mario o ne a simolola go nketela. O ne a le pelotelele e bile a ikanyega—moso mongwe le mongwe ka Matlhatso, le fa go ne go ka nna jang—o ne a tla kwa seminareng ka ura ya borobongwe.

Baruti ba bangwe ba tsibogile jang fa o etelwa?

Ke ne ka ba laletsa gore ba nne teng mo metlotlong ya rona mme ga go ope wa bone yo o neng a batla go ithuta Baebele. Mme nna ke ne ke go itumelela. Ke ne ke ithuta dilo tse di molemo, tse di jaaka gore ke eng fa Modimo a letlelela bosula le go boga—e leng sengwe se se neng se sa bolo go ntshwenya.

A bobishopo ba ne ba leka go go thibela go ithuta Baebele?

Ka 1975, ke ne ka etela Roma ka makgetlo a le mantsi gore ke tlhalose tsela e ke lebang dilo ka yone. Bobishopo ba ne ba leka go mphetola mogopolo, mme ga go ope wa bone yo o neng a dirisa Baebele. Kgabagare ka Ferikgong 9, 1976, ke ne ka kwalela Roma ke ba itsise gore ga ke tlhole ke le Mokatoliki. Malatsi a le mabedi moragonyana ke ne ka fuduga kwa seminareng ka tsamaya ka terena go ya kwa pokanong ya me ya ntlha le Basupi ba ga Jehofa, e e neng e le kopano ya diphuthego di le mmalwa. Ke ne ka bona sengwe se se sa tlwaelegang! Mosupi mongwe le mongwe o ne a tshwere Baebele e bile a bala mmogo le dibui fa di ntse di tlotla ka ditlhogo tse di farologaneng.

Ba lelapa la gaeno ba ne ba ikutlwa jang?

Ba le bantsi ba bone ba ne ba sa batle ke ithuta. Le fa go ntse jalo, ke ne ka utlwela gore mongwe wa bonkgonne o ne a ithuta le Basupi kwa Lombardy, kgaolo e e kwa bokone jwa Italy. Ke ne ka ya go mo etela mme Basupi ba koo ba nthusa go bona tiro le bonno. Mo go one ngwaga oo ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Gone jaanong ke atamalane le Modimo

A o ikwatlhaela se o se dirileng?

Nnyaa le e seng! Gone jaanong ke atamalane le Modimo ka gonne se ke se itseng ka ene se theilwe mo Baebeleng e seng mo filosofing kgotsa mo meetlong ya kereke. Ke kgona le go ruta batho ba bangwe boammaaruri ke tlhatswegile pelo.

^ ser. 13 Baebele e na le dikarabo tse di utlwalang tsa dipotso tseno le tse dingwe tse dintsi. Leba DITHUTO TSA BAEBELE > DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE.