Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jono ke Boswa Jwa Rona Jwa Semoya

Jono ke Boswa Jwa Rona Jwa Semoya

“Jono ke boswa jwa batlhanka ba ga Jehofa.” —ISA. 54:17, Byington.

1. Jehofa o ile a bontsha lorato ka go sireletsa eng se se solegelang batho molemo?

JEHOFA “Modimo yo o tshelang le yo o nnetseng ruri,” o sireleditse molaetsa wa gagwe o o nayang botshelo gore o solegele batho molemo. Ga go pelaelo gore molaetsa oo o tla nnela ruri ka gonne, “lefoko la ga Jehofa . . . le nnela ruri.” (1 Pet. 1:23-25) Ruri re a leboga gore Jehofa o ile a re bontsha lorato ka go sireletsa tshedimosetso eno e e botlhokwa e e mo Lefokong la gagwe, Baebele!

2. Ke eng se Modimo a se bolokileng mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng gore batho ba gagwe ba se dirise?

2 Modimo o bolokile leina le a le itlhophetseng, mo Lefokong la gagwe gore batho ba gagwe ba le dirise. Lekgetlo la ntlha fa Dikwalo di umaka “Jehofa Modimo,” ke fa go buiwa ka “ditiragalo tsa magodimo le lefatshe.” (Gen. 2:4) Leina la Modimo le ile la kwalwa makgetlo a le mmalwa ka kgakgamatso mo matlapeng a go neng go kwadilwe Melao e e Lesome mo go one. Ka sekai, molao wa ntlha o ne o re: “Ke nna Jehofa Modimo wa gago.” (Ekes. 20:1-17) Leina la Modimo le ile la tswelela le le gone, ka gonne Morena Molaodimogolo Jehofa o ile a sireletsa Lefoko la gagwe le leina la gagwe, go sa kgathalesege maiteko a ga Satane a go leka go le fedisa.—Pes. 73:28.

3. Le fa dithuto tsa maaka tsa bodumedi di aname, ke eng se Modimo a ileng a se boloka?

3 Gape Jehofa o bolokile boammaaruri mo Lefokong la gagwe. Le fa dithuto tsa maaka tsa bodumedi di aname lefatshe ka bophara, re itumela tota go bo Modimo a re neile lesedi la semoya le boammaaruri! (Bala Pesalema 43:3, 4.) Le fa bontsintsi jwa batho bo le mo lefifing, rona re itumelela lesedi la semoya le Modimo a re neileng lone.—1 Joh. 1:6, 7.

RE NA LE BOSWA JO RE TSHWANETSENG GO BO ANAANELA

4, 5. Re ile ra newa tshiamelo efe e e kgethegileng fa e sa le ka 1931?

4 Rona Bakeresete re na le boswa jo bo botlhokwatlhokwa. Tshupiso nngwe ya Collins Cobuild English Dictionary ya re: “Boswa jwa naga ke dinonofo, dingwao kgotsa dikarolo  dingwe tsa botshelo jwa koo tse di sa bolong go nna gone ka dingwagangwaga, e bile di ile tsa fetisediwa go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe.” Boswa jwa rona jwa semoya bo akaretsa masego a go nna le kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo le go tlhaloganya boammaaruri ka ene le maikaelelo a gagwe. Gape bo akaretsa tlotla e a re neileng yone ya go bidiwa ka leina la gagwe.

Re ne ra itumelela go amogela leina Basupi ba ga Jehofa kwa kopanong ya rona ya 1931

5 Tlotla eo e ile ya nna karolo ya boswa jwa rona jwa semoya kwa kopanong ya kwa Columbus, Ohio, U.S.A., ka 1931. Mo thulaganyong ya kopano eo go ne go kwadilwe ditlhaka, “JW.” Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Bakaulengwe ba ne ba akanya gore ditlhaka tseno di emela, Just Wait [Letang], Just Watch [Lebang] mme ba bangwe bone ba ne ba akanya gore di emela Jehovah’s Witnesses [Basupi ba ga Jehofa].” Re ne re ntse re bidiwa Baithuti ba Baebele, le fa go ntse jalo, ka Sontaga July 26, 1931, re ne ra dira maitlamo a gore re tla bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Go ne go itumedisa tota go nna le leina le le tswang mo Baebeleng. (Bala Isaia 43:12.) Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Ga nkitla ke lebala modumo o o neng wa nna gone ka ntlha ya go thela loshalaba le go opiwa ga diatla mo lefelong leo la kopano.” Ga go ope mo lefatsheng yo o neng a batla go ipitsa ka leina leo, le fa go ntse jalo, Modimo o re segofaditse ka go bo re dirisitse leina la gagwe ka dingwaga di feta 80. Ruri ke tshiamelo e e kgethegileng go nna Basupi ba ga Jehofa!

6. Boswa jwa rona jwa semoya bo akaretsa tshedimosetso efe e e boammaaruri?

6 Boswa jwa rona jwa semoya bo akaretsa letlotlo la tshedimosetso e e boammaaruri le e e mosola ya batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng. Ka sekai, akanya ka Aborahame, Isake le Jakobe. Ditlhogo tseno tsa lotso le ba malapa a bone ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlotla ka ditsela tse ba ka itumedisang Jehofa ka tsone. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Josefa yo o siameng a ile a gana go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, e le gore a se ka a “leofela Modimo.” (Gen. 39:7-9) Gape ditlwaelo tsa Bokeresete di ne di fetisediwa mo dikokomaneng tse di latelang ka go ba tlotlela le go ba tlhomela sekao. Mo metlotlong eno, go ne go buiwa ka dintlha tse di akaretsang Sejo sa Morena sa Maitseboa se moaposetoloi Paulo a neng a bolelela diphuthego tsa Bokeresete ka sone. (1 Bakor. 11:2, 23) Gompieno dintlha tse re di tlhokang gore re obamele Modimo “ka moya le boammaaruri,” di kwadilwe mo Lefokong la gagwe. (Bala Johane 4:23, 24.) Baebele e naya batho botlhe lesedi, mme rona batlhanka ba ga Jehofa re e anaanela fela thata.

7. Boswa jwa rona bo akaretsa tsholofetso efe e e itumedisang?

7 Karolo nngwe ya boswa jono e akaretsa dipego tse di gatisitsweng bosheng tse di bontshang gore ‘Jehofa o ka fa letlhakoreng la rona.’ (Pes. 118:7) Seno se dira gore re ikutlwe re sireletsegile, tota le fa re bogisiwa. Karolo nngwe e e itumedisang ya boswa jwa rona jwa semoya jo bo ntseng bo oketsega ke tsholofetso eno: “‘Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato. Seno ke se se ruilweng boswa sa batlhanka ba ga Jehofa, mme tshiamo ya  bone e tswa mo go nna,’ go bua Jehofa.” (Isa. 54:17) Ga go na dibetsa dipe tsa ga Satane tse di ka re utlwisang botlhoko go ya go ile.

8. Ke eng se re tlileng go se sekaseka mo setlhogong seno le se se latelang?

8 Satane o lekile go nyeletsa Lefoko la Modimo, go fedisa leina la ga Jehofa le go thibela boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a kgona go thibela maiteko ano ka gonne ruri Satane a ka se kgone go emelana le ene. Mo setlhogong seno le se se latelang, re tlile go bona (1) kafa Modimo a ileng a sireletsa Lefoko la gagwe ka gone; (2) kafa Jehofa a sireleditseng leina la gagwe ka gone; le (3) kafa Rraarona wa selegodimo e leng Motswedi le Mosireletsi wa boammaaruri jo re bo itumelelang ka gone.

JEHOFA O ILE A SIRELETSA LEFOKO LA GAGWE

9-11. Ke dikai dife tse di bontshang gore Baebele e ile ya falola fa e ne e tlhaselwa?

9 Jehofa o ile a sireletsa Lefoko la gagwe mo maemong a a neng a le thata. Enciclopedia Cattolica (Catholic Encyclopedia) ya re: “Ka 1229, Lekgotla la Toulouse le ne la thibela batho ba maemo a a kwa tlase go dirisa [Dibaebele tsa puo ya bone] ka ntlha ya ntwa e e neng e le kgatlhanong le Ba-Albi le Ba-Waldo . . . Kopano e e neng e tshwerwe ke James I ka 1234 kwa Tarragona kwa Spain, le yone e ne ya ntsha thibelo e e tshwanang le eo. . . . Bobishopo ba kwa Roma ba ne ba tsereganya mo kgannyeng eo lekgetlo la ntlha ka 1559, fa Lekwalo la thibelo la ga Paul IV, le ne le thibela gore go gatisiwe Dibaebele ka puo e e neng e buiwa ke batho ba koo le go nna le tsone kwantle ga tetla ya Ofisi e e Boitshepo.”

10 Le fa Baebele e ile ya tlhaselwa ka makgetlo, e ile ya sirelediwa. Mo e ka nnang ka 1382, John Wycliffe le ditsala tsa gagwe ba ne ba gatisa thanolo ya ntlha ya Baebele ka Seesemane. Moranodi yo mongwe wa Baebele e ne e le William Tyndale, yo o neng a bolawa ka 1536. Go bolelwa gore o ne a goa jaana fa a ne a bofeletswe mo koteng: “Morena, bula matlho a kgosi ya Engelane.” Morago ga moo, o ne a kgamiwa a bo a fisiwa.

11 Baebele e ne ya falola fa e ne e tlhaselwa. Ka sekai, ka 1535, Miles Coverdale o ne a ranolela Baebele mo Seesemaneng. Coverdale o ne a dirisa thanolo ya ga Tyndale ya “Tesetamente e Ntšha” le ya “Tesetamente ya Bogologolo” go simolola ka Genesise go fitlha ka Ditiragalo. O ne a ranola dikarolo tse dingwe tsa Dikwalo go tswa mo puong ya Selatine le go tswa mo thanolong ya Baebele ya ga Martin Luther ya Sejeremane. Gompieno Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e a anaanelwa ka gonne e tlhaloganyesega motlhofo, e tlhalosa dintlha fela jaaka di ne di kwadilwe mo mekwalong ya ntlha ya Baebele, e bile e mosola mo bodireding. Re a itumela ka gonne ga go na maatla ape a madimona kgotsa maatla a batho a a ka thibelang Jehofa go sireletsa Lefoko la gagwe.

JEHOFA O SIRELETSA LEINA LA GAGWE

Banna ba ba jaaka Tyndale ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya Lefoko la Modimo

12. Thanolo ya Lefatshe le Lesha e nnile le seabe sefe gore Leina la Modimo le bolokiwe?

12 Jehofa Modimo o ne a tlhomamisa gore leina la gagwe le nna le bolokilwe mo Lefokong  la gagwe. Thanolo ya Lefatshe le Lesha e di goga kwa pele mo ntlheng eno. Mo matsenong a Baebele eno ka Seesemane, komiti ya baranodi ba ba ineetseng e ne ya kwala jaana: “Sengwe sa botlhokwa thata ka thanolo eno ke gore, e buseditse leina la Modimo mo le tshwanetseng teng mo thanolong ya Seesemane. E ranotswe go dirisiwa leina ‘Jehofa’ ka Seesemane se se tlwaelegileng makgetlo a le 6 973 mo Dikwalong tsa Sehebera, le ka makgetlo a le 237 mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.” Gone jaanong go na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone ka dipuo tse di fetang 116, mme go gatisitswe dikhopi tse di fetang 178 545 862.

13. Ke eng fa re ka re batho ga ba bolo go itse leina la Modimo go tswa fela kwa tshimologong ya popo ya motho?

13 Batho ga ba bolo go itse leina la Modimo go tloga fela fa go ne go bopiwa motho. Adame le Efa ba ne ba le itse e bile ba ne ba itse sentle gore le bidiwa jang. Fa Hame a ne a bontsha go sa tlotle rraagwe morago ga Morwalela, Noa o ne a re: “A go bakwe Jehofa, Modimo wa ga Sheme, mme a Kanana [morwa Hame] a nne motlhanka wa gagwe.” (Gen. 4:1; 9:26) Modimo ka boene o ne a re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me; mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me.” Gape Modimo o ne a re: “Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele. Kwantle ga me ga go na Modimo ope.” (Isa. 42:8; 45:5) Jehofa o ile a tlhomamisa gore leina la gagwe le a sirelediwa le go itsisiwe batho mo lefatsheng lotlhe. Ruri ke tshiamelo e kgolo go dirisa leina Jehofa le go nna Basupi ba gagwe! Tota e bile re bua jaana: “Re tla tsholetsa difolaga tsa rona mo leineng la Modimo wa rona.”—Pes. 20:5.

14. Kwantle ga mo Baebeleng, ke kae gape mo leina la Modimo le fitlhelwang teng?

14 Leina la Modimo ga le tlhage fela mo Baebeleng. Akanya ka Letlapa la Moabe, le le neng la fitlhelwa kwa Dhiban (Dibon), e e leng dikilometara di le 21 kwa botlhaba jwa Lewatle le le Suleng. Letlapa leno le umaka Kgosi ya Iseraele e leng Omeri mme gape le bua ka Kgosi ya Moabe e bong Mesha fa a ne a tsuologela Iseraele. (1 Dikg. 16:28; 2 Dikg. 1:1; 3:4, 5) Mme Letlapa leno la Moabe le na le sengwe se se kgatlhang ka gonne, leina la Modimo le tlhagelela mo go lone ka mokwalo wa Thaterakeramatone. Gape Thaterakeramatone e tlhagelela gangwe le gape mo Ditlhakeng tsa Lakishe, e leng dikapetlana tsa letsopa tse di fitlhetsweng kwa Iseraele.

15. Septuagint ke eng, mme go tlile jang gore e nne teng?

15 Baranodi ba bogologolo ba Baebele ba ile ba nna le seabe mo go sireletseng leina la Modimo. Morago ga go isiwa botshwarwa kwa Babelona go tloga ka 607 B.C.E. go ya go 537 B.C.E., Bajuda ba le bantsi ga ba a ka ba boela kwa Juda le Iseraele. Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., Alexandria e e kwa Egepeto, e ne e le legae la Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba ranolela Dikwalo tsa Sehebera mo puong ya Segerika, e ka nako eo e neng e le puo e e buiwang mo lefatsheng lotlhe. Thanolo eo ya Septuagint e ne ya konelwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. Dikhopi dingwe tsa Septuagint di ne di na le leina Jehofa, le le neng le kwadilwe ka Sehebera.

16. Naya sekai sa kafa leina la Modimo le ileng la dirisiwa ka gone mo bukeng e e neng ya gatisiwa la ntlha ka 1640.

16 Leina la Modimo le fitlhelwa mo Bay Psalm Book, e leng kgatiso ya ntlha e e neng ya gatisiwa mo dikoloning tsa Engelane tsa kwa Amerika. Kgatiso ya yone ya ntlha (e e gatisitsweng ka 1640), e na le Dipesalema tse di ranotsweng go tswa mo puong ya Sehebera go ya mo puong ya Seesemane se se neng se buiwa ka nako eo. E dirisa leina la Modimo mo ditemaneng tse di jaaka, Pesalema 1:1, 2, e e reng, “go sego monna” yo o sa tsamaeng mo kgakololong ya baikepi, “go na le moo, o itumelela molao wa ga Iehofa thata.” Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le leina la Modimo, bona boroutšhara jwa, Leina la Modimo Leo le Tla Nnelang Ruri.

JEHOFA O SIRELETSA BOAMMAARURI

17, 18. (a) O ka tlhalosa jang lefoko “boammaaruri”? (b)  “Boammaaruri jwa dikgang tse di molemo” bo akaretsa eng?

17 Re ipelela go direla “Jehofa Modimo wa boammaaruri.” (Pes. 31:5) Collins Cobuild English  Dictionary ya re: “Boammaaruri ke dintlha tsotlhe ka sengwe, mme e seng dilo tse di ikakanyediwang kgotsa tse di itlhametsweng.” Go ya ka Sehebera sa Baebele, gantsi lefoko “boammaaruri,” le ranolwa e le nnete, boikanyegi kgotsa sengwe se se nepagetseng. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “boammaaruri,” le kaya sengwe se se dumalanang le ntlha nngwe kgotsa sengwe se se tshwanetseng e bile se siame.

18 Jehofa o ile a sireletsa boammaaruri a bo a dira gore kitso ya boammaaruri e re fitlhelele ka bontsi. (2 Joh. 1, 2) Tsela e re tlhaloganyang boammaaruri ka yone e oketsega ka bonya ka bonya ka gonne, “tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo”! (Dia. 4:18) Ke boammaaruri gore re dumalana ka botlalo le Jesu, yo o neng a rapela Modimo jaana: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Joh. 17:17) Lefoko la Modimo le le kwadilweng le na le “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo,” tse di nang le dithuto tsotlhe tsa Bokeresete. (Bagal. 2:14) Dikgang tseno tse di molemo di akaretsa dintlha tse di buang ka leina la ga Jehofa, bolaodi jwa gagwe, setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, tsogo ya baswi le Bogosi. A jaanong re sekasekeng kafa Modimo a ileng a sireletsa boammaaruri ka gone go sa kgathalesege maiteko a ga Satane a go leka go bo thibela.

JEHOFA O DIRA GORE BOAMMAARURI BO SE KA JWA TLHASELWA

19, 20. Nimerode e ne e le mang, mme ke maiteko afe a a ileng a retela mo motlheng wa gagwe?

19 Morago ga morwalela go ne ga nna le polelo e e reng: “Fela jaaka Nimerode motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa.” (Gen. 10:9) E re ka Nimerode a ne a le kgatlhanong le Jehofa Modimo, tota o ne a obamela Satane mme o ne a tshwana fela le baganetsi ba Jesu a neng a bua jaana ka bone: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona. Ene yoo . . . o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.”—Joh. 8:44.

20 Nimerode o ne a na le tlhotlheletso kwa Babele le kwa ditoropong tse dingwe tse di mo magareng ga noka ya Tigris le ya Euferatese. (Gen. 10:10) Go ka direga gore ke ene a ileng a laela gore go agiwe Babele le tora ya yone mo e ka nnang go tloga ka 2269 B.C.E. Go farologana le maikaelelo a Modimo a gore batho ba aname mo lefatsheng, batho bao ba ba neng ba aga ba ne ba re: “Tlang! A re ikageleng motse le tora e bogodimo jwa yone bo fitlhang kwa magodimong, mme a re itireleng leina le le tumileng, e se re kgotsa ra gasama mo godimo ga lefatshe lotlhe.” Le fa go ntse jalo, leano leo le ne la phutlhama fa Modimo a ne a ‘tlhakatlhakanya puo ya lefatshe lotlhe’ a bo a phatlalatsa baagi bao. (Gen. 11:1-4, 8, 9) Fa e le gore Satane o ne a ikaeletse go simolola bodumedi jo bo neng bo tla dira gore batho ba mo obamele, leano la gagwe le ile la itaya sefololetse. Go ralala hisitori, kobamelo ya ga Jehofa e ile ya atlega e bile e gola ka lobelo lo logolo letsatsi le letsatsi.

21, 22. (a) Ke ka ntlha yang fa bodumedi jwa maaka bo ile jwa se ka jwa atlega mo go nyeletseng kobamelo ya boammaaruri? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Bodumedi jwa maaka ga bo a ka jwa atlega mo go nyeletseng kobamelo ya boammaaruri. Ka ntlha yang? Ka gonne Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo o ile a tlhomamisa gore o sireletsa Lefoko la gagwe le le kwadilweng, a dira gore batho ba itse leina la gagwe le go nna Motswedi o o sa feleng wa boammaaruri. (Isa. 30:20, 21) Go obamela Modimo ka tsela e e dumalanang le boammaaruri go dira gore re ipele, mme go dira jalo go tlhoka gore re nne re thantse semoyeng, re ikanya Jehofa ka botlalo e bile re latela kaelo ya moya wa gagwe o o boitshepo.

22 Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore dithuto dingwe tsa maaka di simologile kae. Re tla lemoga gore dithuto tseno ga di na boleng fa di bapisiwa le lesedi le le tswang mo Dikwalong. Mo godimo ga moo, re tla bona kafa Mosireletsi yo mogolo wa boammaaruri e bong Jehofa, a re segofaditseng ka teng ka dithuto tsa boammaaruri tse re di anaanelang thata tse e leng karolo ya boswa jwa rona jwa semoya.