Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Letle Sepe se go Thibela go Bona Kgalalelo

Se Letle Sepe se go Thibela go Bona Kgalalelo

“Yo o ikokobeditseng mo moyeng o tla bona kgalalelo.”—DIA. 29:23.

1, 2. (a) Mafoko a puo ya ntlhantlha a a reng “kgalalelo,” a kaya eng? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?

FA O utlwa lefoko “kgalalelo,” o akanya ka eng? A o akanya ka bontle jwa popo? (Pes. 19:1) A o akanya ka pako le kgalalelo tse di newang batho ka gonne ba humile, ba le botlhale thata kgotsa ba fitlheletse dilo dingwe? Mo Dikwalong, mafoko a puo ya ntlhantlha a a kayang “kgalalelo” a dira gore motho a akanye ka sengwe se se bokete. Mo metlheng ya bogologolo—fa madi a ne a dirwa ka dimetale tse di botlhokwa—boleng jwa ledi bo ne bo oketsega go ya ka bokete jwa lone. Mafoko a a dirisitsweng go tlhalosa lefoko bokete ka tsela ya tshwantshetso a ne a kaya sengwe se se tsewang se le botlhokwa, se sentle kgotsa se se kgatlhang.

2 Le fa re ka tswa re kgatlhiwa ke taolo e motho a nang le yone, maemo a gagwe kgotsa tsela e a itsegeng ka yone, Modimo ene o kgatlhiwa ke eng mo bathong? Dikwalo di bua ka kgalalelo e Modimo a e nayang batho. Ka sekai, Diane 22:4 ya re: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.” Morutwa Jakobe le ene o ne a kwala jaana: “Ikokobetseng mo matlhong a ga Jehofa, mme o tla lo godisa.” (Jak. 4:10) Kgalalelo e Jehofa a e nayang batho ke eng? Ke eng se se ka re thibelang go bona kgalalelo eo? Mme re ka thusa ba bangwe jang go e bona?

3-5. Jehofa a ka re isa kwa kgalalelong efe?

3 Mopesalema o ne a bontsha gore o tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo tshwara ka seatla sa gagwe sa moja le go mo kaela kwa kgalalelong ya mmatota. (Bala Pesalema 73:23, 24.) Jehofa o dira seno jang? Jehofa o kaela batlhanka ba gagwe ba ba ikokobeditseng kwa kgalalelong ka go ba tlotla ka ditsela tse dintsi. O ba segofatsa ka go dira gore ba tlhaloganye se thato ya gagwe e leng sone. (1 Bakor. 2:7) O naya batho ba ba reetsang lefoko la gagwe le go mo ikobela tlotla ya gore ba nne le kamano e e gaufi le ene.—Jak. 4:8.

 4 Gape Jehofa o naya batlhanka ba gagwe letlotlo le le galalelang la bodiredi jwa Bokeresete. (2 Bakor. 4:1, 7) Mme bodiredi jono bo dira gore re nne le kgalalelo. Jehofa o solofetsa ba ba dirisang tshiamelo ya bone ya tirelo go mmaka le go dira gore ba bangwe ba solegelwe molemo, jaana: “Ba ba ntlotlang ke tla ba tlotla.” (1 Sam. 2:30) Batho ba ba dirang jalo ba tlotliwa ka go nna le leina le le molemo le Jehofa, mme batlhanka ba bangwe ba Modimo ba ka nna ba bua sentle ka bone.—Dia. 11:16; 22:1.

5 Batho ba ba ‘solofelang mo go Jehofa mme ba boloka tsela ya gagwe’ ba na le isagwe efe? Ba solofediwa jaana: “[Jehofa] o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.” (Pes. 37:34) Ba lebile pele go bona tlotla e e ka se bapisiweng le epe ya go amogela botshelo jo bo sa khutleng.—Pes. 37:29.

“GA KE AMOGELE KGALALELO E E TSWANG MO BATHONG”

6, 7. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go dumela mo go Jesu?

6 Ke eng se se ka re thibelang go amogela kgalalelo e Jehofa a iketleeditseng go re naya yone? Ke go tsaya dikakanyo tsa batho ba ba sa boifeng Modimo di le botlhokwa. Akanya ka se moaposetoloi Johane a neng a se kwala malebana le batho bangwe ba ba neng ba na le taolo mo motlheng wa ga Jesu, o ne a re: “Ba le bantsi le babusi tota, ba ne ba dumela mo go [Jesu], mme ka ntlha ya Bafarasai, ba ne ba sa bolele fa ba dumela mo go ene, gore ba se ka ba lelekwa mo sinagogeng; gonne ba ne ba rata go galaletswa ke batho go feta go galaletswa ke Modimo.” (Joh. 12:42, 43) Ruri go ne go tla bo go le molemo gore babusi bao ba se ka ba tsaya gore se Bafarasai ba neng ba se akanya se botlhokwa.

7 Pelenyana mo bodireding jwa gagwe, Jesu o ne a tlhalosa lebaka la go bo bontsi jwa batho ba ne ba ka se ka ba mo amogela le go nna le tumelo mo go ene. (Bala Johane 5:39-44.) Setšhaba sa Iseraele se ne se sa bolo go letela go tla ga ga Mesia ka makgolokgolo a dingwaga. Fa Jesu a simolola go ruta, batho bangwe ba ka tswa ba ne ba lemoga gore motlha o Daniele a neng a porofeta ka one wa go tla ga ga Keresete, o ne o gorogile. Dikgwedi pelenyana ga foo fa Johane Mokolobetsi a ne a rera, batho ba le bantsi ba ne ba re: “A e ka tswa gongwe e le Keresete?” (Luke 3:15) Jaanong Mesia yo ba sa bolong go mo leta o ne a rera mo gare ga bone. Le fa go ntse jalo, batho ba ba itseng Molao ga ba a ka ba mo amogela. Jesu o ne a tlhalosa lebaka la go bo ba dira jalo, ka go ba botsa jaana: “Lo ka dumela jang, fa lo amogela kgalalelo mo go mongwe go tswa go yo mongwe mme lo sa batle kgalalelo e e tswang kwa Modimong yo o esi?”

8, 9. Dirisa setshwantsho sa lesedi go bontsha kafa kgalalelo ya batho e ka dirang ka gone gore re se ka ra bona kgalalelo ya Modimo.

8 Re ka kgona go bona tsela e kgalalelo ya batho e ka dirang gore re se ka ra bona kgalalelo ya Modimo ka go bapisa kgalalelo le lesedi. Lobopo lwa rona lo lontle lo na le kgalalelo e kgolo. A o gopola gore ke leng o kileng wa leba kwa loaping bosigo go se na maru mme wa bona dinaledi tse dintsintsi? “Kgalalelo ya dinaledi” e jesa kgakge tota. (1 Bakor. 15:40, 41) Fa o leba loapi o le mo toropong e e nang le dipone mo mebileng, loapi loo lo lebega jang? Dipone tsa toropo di ka nna tsa dira gore go nne thata go bona lesedi la dinaledi tse di benyang! A seno se direga ka gonne dipone tsa mo ditseleng, tsa ditadiamo le tsa dikago di le maatla kgotsa di le dintle go feta lesedi la dinaledi? Nnyaa! Seno se direga ka gonne dipone tsa toropo di le gaufi le rona e bile di re kgoreletsa go bona popo ya ga Jehofa. Gore re bone bontle jwa loapi bosigo, re tshwanetse gore re ithibe gore re se ka ra itewa tsebe ke lesedi la dipone.

9 Ka tsela e e tshwanang, fa mofuta o o phoso wa kgalalelo o le gaufi le dipelo tsa rona, o ka re thibela gore re anaanele kgalalelo e e sa feleng e Jehofa a iketleeditseng go re naya yone. Batho ba le bantsi ga ba batle go amogela molaetsa wa Bogosi, ka gonne ba ipotsa  gore batho ba ba tlwaelaneng le bone kgotsa ba lelapa ba tla akanya eng ka bone. A mme gone keletso ya go batla go galalediwa ke batho e ka ama tota le batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo? A re re lekawana lengwe le abetswe gore le rere mo lefelong lengwe le a itsegeng thata mo go lone, mme batho ba lefelo leo ga ba ise ba itse gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. A o tla ikgogona ka ntlha ya poifo? Kgotsa go tweng fa mongwe a sotliwa ka gonne a ipeetse mekgele ya semoya? A o tla letla batho bao ba ba sa lebeng dilo tsa semoya ka tsela e e siameng go tlhotlheletsa tsela e a dirang dilo ka yone? Kgotsa a re re Mokeresete o dirile boleo bongwe jo bo masisi. A o tla fitlha phoso e a e dirileng ka gonne a tshaba go latlhegelwa ke ditshiamelo mo phuthegong, kgotsa ka gonne a sa batle go swabisa batho ba a ba ratang? Mo kgannyeng e re sa tswang go bua ka yone, fa e le gore motho yoo o amegile thata ka go batla go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa, o tla ‘biletsa banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene,’ mme a kope thuso.—Bala Jakobe 5:14-16.

10. (a) Go amega thata ka tsela e batho ba re lebang ka yone go ka dira jang gore re se ka ra dira ditshwetso tse di siameng? (b)  Ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone fa re bontsha boikokobetso?

10 Go ka direga gore o leka ka natla go gatela pele semoyeng, le fa go ntse jalo modumedimmogo le wena o nna a go naya kgakololo. Kgakololo ya gagwe e e molemo e ka go thusa fa e le gore ga o leke go buelela se o se dirang ka ntlha ya boikgogomoso, go amega ka seriti sa gago kgotsa o raelesega go itirela diipato. Gongwe a re re o bereka mo porojekeng nngwe le modumedimmogo le wena. A tsela e o dirisanang le ene ka yone e ka tlhotlhelediwa ke go amega ka gore ke mang yo o newang tlotlo ka ntlha ya tiro e lo e dirileng? Fa o iphitlhela o le mo maemong ape fela a a ntseng jalo, tlhomamisega gore “yo o ikokobeditseng mo moyeng o tla bona kgalalelo.”—Dia. 29:23.

11. Re tshwanetse go ikutlwa jang fa re akgolwa, mme ka ntlha yang?

11 Balebedi le ba ba ‘kgaratlhelang’ tiro ya bolebedi le bone ba tshwanetse go ikela tlhoko gore ba se ka ba batla go galalediwa ke batho. (1 Tim. 3:1; 1 Bathes. 2:6) Mokaulengwe o tshwanetse go itshwara jang fa a akgolelwa tiro nngwe e a e dirileng sentle? Go ka direga gore a se ka a itlhomela sefikantswe jaaka Kgosi Saulo. (1 Sam. 15:12) Le fa go ntse jalo, a ka bonako fela o lemoga gore o kgonne go dira seo ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa, le gore tsholofelo epe fela ya gore a atlege mo isagweng e ikaegile ka masego a a tswang kwa Modimong le thuso ya gagwe? (1 Pet. 4:11) Tsela e re ikutlwang ka yone fa re akgolwa e senola gore tota re batla kgalalelo ya mofuta ofe.—Dia. 27:21.

“LO ELETSA GO DIRA DIKELETSO TSA GA RRAALONA”

12. Ke eng se se neng sa thibela Bajuda bangwe go reetsa Jesu?

12 Sengwe gape se se ka nnang sa dira gore re se ka ra amogela kgalalelo e e tswang kwa Modimong ke dikeletso tsa rona. Dikeletso tse di sa siamang di ka re kgoreletsa go utlwa boammaaruri. (Bala Johane 8:43-47.) Jesu o ne a bolelela Bajuda bangwe gore ga ba a ka reetsa molaetsa wa gagwe ka gonne ‘ba ne ba eletsa go dira dikeletso tsa ga rraabone e bong Diabolo.’

13, 14. (a) Babatlisisi ba reng ka tsela e boboko jwa rona bo tsibogelang mantswe a batho ka teng? (b) Ke eng se se laolang gore re reetsa mang?

13 Keletso ya rona e tlhotlheletsa tsela e re utlwang ka yone. (2 Pet. 3:5) Jehofa o re dirile re na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go dira gore re se ka ra utlwa modumo o re sa o tlhokeng. Ema go se kae mme o tlhome mogopolo o bone gore o tla utlwa medumo e le kae e e farologaneng. Go ka direga gore o ntse o sa ele tlhoko seno. Karolo nngwe ya boboko e ne e go thusa go tlhoma mogopolo mo selong se le nosi mme gone o ntse o utlwa medumo e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba lemogile gore le fa motho a kgona go farologanya medumo e mentsi, go thata gore a kgone go reetsa batho ba le mmalwa ba bua  ka nako e le nngwe. Seno se raya gore fa o utlwa mantswe a mabedi ka nako e le nngwe, o tshwanetse go tlhopha gore o tla reetsa lefe. Go tla tswa mo go wena gore o batla go reetsa lefe. Bajuda ba ba neng ba batla go dira dikeletso tsa ga rraabone e leng Diabolo, ga ba a ka ba reetsa Jesu.

14 Re amogela melaetsa e e tswang kwa ‘ntlong ya botlhale’ le kwa ‘ntlong ya boeleele.’ (Dia. 9:1-5, 13-17) Go ntse jaaka e kete botlhale le boeleele bo nna bo goela kwa go rona, mme seo se dira gore re tshwanelwe ke go dira tshwetso. Re tla amogela taletso ya ga mang? Karabo e ikaegile ka gore re batla go dira thato ya ga mang. Dinku tsa ga Jesu di reetsa lentswe la gagwe e bile di a mo latela. (Joh. 10:16, 27) Ba mo “letlhakoreng la boammaaruri.” (Joh. 18:37) ‘Ga ba itse lentswe la motswakwa.’ (Joh. 10:5) Batho bano ba ba ikokobeditseng ba bona kgalalelo.—Dia. 3:13, 16; 8:1, 18.

“TSENO DI KAYA KGALALELO MO GO LONA”

15. Dipitlagano tsa ga Paulo di ne di “kaya kgalalelo” mo go ba bangwe ka tsela efe?

15 Go dira thato ya ga Jehofa ka tlhoafalo go thusa ba bangwe gore ba bone kgalalelo. Paulo o ne a kwalela phuthego ya Efeso jaana: “Ke lo kopa gore lo se ka lwa lesa ka ntlha ya dipitlagano tseno tsa me mo boemong jwa lona, gonne tseno di kaya kgalalelo mo go lona.” (Baef. 3:13) Dipitlagano tsa ga Paulo di ne di “kaya kgalalelo” ka tsela efe mo Baefesong? Boikemisetso jwa ga Paulo jwa go tswelela a ba direla go sa kgathalesege diteko tse a neng a lebana le tsone, bo ne jwa bontsha Baefeso gore tshiamelo e ba neng ba na le yone ya go nna Bakeresete e ne e le botlhokwa thata e bile e na le boleng jo bo kwa godimo. Fa Paulo a ka bo a ile a ineela fa a lekwa, a seno se ne se ka se bontshe Baefeso gore kamano e ba neng ba na le yone le Jehofa, bodiredi jwa bone le tsholofelo ya bone e ne e se botlhokwa? Boitshoko jwa ga Paulo bo ne bo tlotlomatsa Bokeresete le go bontsha gore o ikeetleeditse go nna morutwa go sa kgathalesege gore o lebana le eng.

16. Paulo o ne a lebana le teko efe kwa Lisetera?

16 Akanya kafa tlhoafalo le boitshoko jwa ga Paulo bo neng jwa ama ba bangwe ka gone. Ditiro 14:19, 20 ya re: “Bajuda ba goroga ba tswa Antioka le Ikonio mme ba tlhotlheletsa boidiidi, mme ba kgobotletsa Paulo ba bo ba mo gogagogela ka kwa ntle ga motse [wa Lisetera], ba ithaya ba re o sule. Le fa go ntse jalo, e rile barutwa ba mo dikanyetsa, a ema mme a tsena mo motseng. Mo letsatsing le le latelang a tloga le Barenabase a ya Derebe.” Akanya fela o kgobotleditswe ka maje go fitlha o le gaufi le go swa, mme letsatsi le le latelang o bo o tshwanelwa ke go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 100 ka dinao!

17, 18. (a) Ke ka tsela efe Timotheo a ka tswang a ile a latela dipogo tsa ga Paulo thata fa a le kwa Lisetera? (b) Boitshoko jwa ga Paulo bo ne jwa ama Timotheo jang?

17 A Timotheo ke mongwe wa “barutwa” ba ba neng ba namola Paulo? Pego ya buka ya Ditiro  ga e re tlhalosetse seno ka botlalo, mme gone go ka tswa go ntse jalo. Ela tlhoko se Paulo a neng a se kwalela Timotheo mo lekwalong la gagwe la bobedi: “O latetse thuto ya me thata, tsela ya me ya botshelo, . . . mofuta wa dilo tse di neng tsa ntiragalela kwa Antioka [go lelekwa mo motseng], kwa Ikonio [maiteko a go leka go nkgobotletsa ka maje], kwa Lisetera [go kgobotlediwa ka maje], mofuta wa dipogiso tse ke di itshoketseng; mme le fa go ntse jalo Morena o ne a nkgolola mo go tsone tsotlhe.”—2 Tim. 3:10, 11; Dit. 13:50; 14:5, 19.

18 Timotheo o ne a ‘latela’ ditiragalo tseo thata mme o ne a itse ka botlalo tsela e Paulo a neng a itshoka ka yone. Seno se ne sa ama Timotheo fela thata. Fa Paulo a ne a ya kwa Lisetera, o ne a fitlhela Timotheo e le Mokeresete yo o tlhomang sekao, “a bolelwa ka molemo ke bakaulengwe kwa Lisetera le Ikonio.” (Acts 16:1, 2) Fa nako e ntse e ya, Timotheo o ne a tshwanelegela go newa maikarabelo a magolo.—Bafil. 2:19, 20; 1 Tim. 1:3.

19. Boitshoko jwa rona bo ka ama ba bangwe jang?

19 Boitshoko jwa rona fa re dira thato ya Modimo bo ka ama ba bangwe ka tsela e e tshwanang—segolobogolo ba bannye, ba bontsi jwa bone ba tla golang gore e nne batlhanka ba Modimo ba ba botlhokwa thata. Barutwa ba ba sa ntseng ba le basha ga ba lebe fela bokgoni jwa rona jwa go bua fa re le mo bodireding mme gape ba solegelwa molemo ke go bona tsela e re lepalepanang le mathata a botshelo ka yone. Paulo o ne ‘a tswelela a itshokela dilo tsotlhe,’ gore botlhe ba ba nnang ba ikanyega ‘ba bone poloko mmogo le kgalalelo ya bosakhutleng.’—2 Tim. 2:10.

Basha ba anaanela boitshoko jwa Bakeresete ba ba godileng

20. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re batla kgalalelo e e tswang kwa Modimong?

20 A jaanong ga re a tshwanela go tswelela re batla “kgalalelo e e tswang kwa Modimong yo o esi”? (Joh. 5:44; 7:18) Ruri re tshwanetse go dira jalo! (Bala Baroma 2:6, 7.) Jehofa o naya “botshelo jo bo sa khutleng mo go ba ba batlang kgalalelo.” Mo godimo ga moo, ‘boitshoko jwa rona mo tirong e e molemo’ bo tlhotlheletsa ba bangwe gore ba nne ba nitame mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, a re se ka ra letla sepe go re thibela go bona kgalalelo e Modimo a re nayang yone.