Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale

Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale

“Tlhoang se se boikepo, ngaparelang se se molemo.”—BAR. 12:9.

1, 2. (a) O ile wa dira jang tshwetso ya go direla Modimo? (b) Re ka botsa dipotso dife malebana le boswa jwa rona jwa semoya?

DIMILIONEMILIONE tsa rona di dirile tshwetso e e botlhale ya go direla Jehofa Modimo le go latela dikgato tsa ga Jesu Keresete gaufi. (Math. 16:24; 1 Pet. 2:21) Ga re tseye botshelo jono jwa go ineela mo Modimong motlhofo. Ga re a dira tshwetso ya rona ka ntlha ya kitso e e sa reng sepe fela ya ditemana di le mmalwa mme re e dirile morago ga go ithuta Lefoko la Modimo ka botlalo. Ka ntlha ya seo, re ile ra ithuta dilo di le dintsi tse di nonotshang tumelo malebana le boswa jo Jehofa a bo beetseng ba ba ‘tsenyang kitso ka ene le ka yo o mo romileng e bong Jesu Keresete.’—Joh. 17:3; Bar. 12:2.

2 Gore re tswelele re le Bakeresete, re tshwanetse go dira ditshwetso tse di itumedisang Rraarona yo o kwa legodimong. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tseno tsa botlhokwa: Boswa jwa rona ke eng? Re tshwanetse go bo leba jang? Re ka tlhomamisa jang gore re amogela boswa joo? Ke eng se se tla re thusang go dira ditshwetso tse di botlhale?

BOSWA JWA RONA KE ENG?

3. Ke boswa bofe jo bo tla amogelwang ke (a) batlodiwa le (b)  “dinku tse dingwe”?

3 Palo e nnye ya Bakeresete e lebile pele go amogela ‘boswa jo bo sa senyegeng le jo bo sa leswafalang le jo bo sa nyeleleng’—tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo ya go busa le Keresete kwa legodimong. (1 Pet. 1:3, 4) Gore ba kgone go amogela boswa jono, ba tshwanetse gore ba “tsalwe gape.” (Joh. 3:1-3) Batho ba le dimilionemilione ba “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu, ba ba dirang mmogo le batlodiwa mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, bone ba tla amogela boswa bofe? (Joh. 10:16) Ba dinku tse dingwe ba tla amogela boswa jo Adame le Efa ba ba neng ba leofa ba ileng ba se ka ba nna le jone—botshelo jo  bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise le le se nang botlhoko, loso le khutsafalo. (Tshen. 21:1-4) Ke gone ka moo Jesu a ileng a solofetsa modirabosula yo o neng a swa le ene jaana: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:43.

4. Re itumelela masego afe gone jaanong?

4 Tota le gone jaanong re itumelela dikarolo dingwe tsa boswa jwa rona. Ka gonne re bontsha tumelo mo ‘thekololong e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu,’ re na le kagiso ya mogopolo le kamano e e gaufi le Modimo. (Bar. 3:23-25) Re tlhaloganya ka botlalo ditsholofetso tse di tlhwatlhwakgolo tse di leng mo Lefokong la Modimo. Mo godimo ga moo, re itumedisiwa thata ke go nna karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Mme ruri ke tshiamelo e kgolo go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke gone ka moo re anaanelang boswa jwa rona.

5. Satane o lekile go dira batho ba Modimo eng, mme ke eng se se ka re thusang go nna re nitame kgatlhanong le maano a gagwe a boferefere?

5 Mme gone, e le gore re kgone go ngangatlela boswa jono jwa rona jo bo molemo, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng gore re kgone go lemoga maano a ga Satane. Satane ga a bolo go leka go dira gore batho ba Modimo ba dire ditshwetso tse di tla dirang gore ba latlhegelwe ke boswa jwa bone. (Dipa. 25:1-3, 9) E re ka Satane a lemoga gore o gaufi le go fedisiwa, o dira maiteko a a oketsegileng go leka go re faposa. (Bala Tshenolo 12:12, 17.) Re tshwanetse go tswelela re anaanela boswa jono jwa rona gore re kgone go ‘ema re nitame kgatlhanong le maano a a boferefere a ga Diabolo.’ (Baef. 6:11) Sekao se se re tlhagisang sa ga Esau yo e neng e le morwa tlhogo ya lotso e bong Isake, se re ruta thuto nngwe ya botlhokwa e go tla bong go le molemo gore re akanye thata ka yone.

O SE KA WA TSHWANA LE ESAU

6, 7. Esau e ne e le mang mme o ne a letetswe ke boswa bofe?

6 Dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng, Isake le Rebeka ba ne ba tshola bana ba mawelana e bong Esau le Jakobe. Fa mawelana ano a gola, botho jwa bone bo ne bo sa tshwane mme gape ba ne ba tlhopha go dira ditiro tse di sa tshwaneng. ‘Esau o ne a nna monna yo o itseng go tsoma, monna wa naga, mme Jakobe ene a nna monna yo o se nang molato, a nna mo megopeng.’ (Gen. 25:27) Moranodi wa Baebele e bong Robert Alter a re lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “yo o se nang molato” le kaya go thokgama.

7 Fa Esau le Jakobe ba ne ba le dingwaga di le 15, rraabonemogolo e bong Aborahame o ne a tlhokafala mme tsholofetso e Jehofa a neng a e solofeditse Aborahame ga e a ka ya nyelela. Moragonyana Jehofa o ne a bolelela Isake yone tsholofetso eo, a mo tlhalosetsa gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di ne di tla itshegofatsa ka losika lwa ga Aborahame. (Bala Genesise 26:3-5.) Tsholofetso eo e ne e bontsha gore Mesia—“losika” lo lo ikanyegang lo go buiwang ka lone mo go Genesise 3:15—lo ne lo tla tswa mo losikeng lwa ga Aborahame. E re ka Esau e ne e le ene leitibolo la ga Isake, o ne a na le tshwanelo ya semolao ya go amogela tsholofetso eo. Ruri Esau o ne a letetswe ke boswa jo bo molemo tota! A mme gone o ne a bo anaanela?

O se ka wa tsenya boswa jwa gago jwa semoya mo kotsing

8, 9. (a) Esau o ne a dira tshwetso efe malebana le boswa jwa gagwe? (b) Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Esau o ne a lemoga eng ka tshwetso e a e dirileng mme o ne a itshwara jang?

8 Letsatsi lengwe fa Esau a tswa kwa masimong o ne a bona Jakobe a “apaya logodu.” Esau o ne a re, “Tsweetswee, nneye bohibidu jo bonnye ka bonako—bohibidu joo, gonne ke lapile!” Jakobe o ne a mo araba a re: “Pele, nthekisetsa tshwanelo ya gago ya go nna leitibolo!” Esau o ne a dira tshwetso efe? Se se gakgamatsang ke gore o ne a re: “Tota ke tlile go swa, mme tshwanelo ya botsalwapele e na le mosola ofe mo go nna?” Esau o ne a tlhopha logodu go na le go tlhopha tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo! E le gore Jakobe a tlhomamise tumalano eo semolao, o ne a mo raya a re: “Inkanele pele!” Esau o ne a mo naya botsalwapele jwa gagwe kwantle ga go okaoka.  Morago ga foo, “Jakobe a naya Esau senkgwe le logodu lwa dikgobe, mme a ja a bo a nwa. Morago ga moo a nanoga a tsamaya. Ka jalo Esau a nyatsa tshwanelo ya go nna leitibolo.”—Gen. 25:29-34.

9 Dingwaga di le dintsi morago ga foo fa Isake a ne a akanya gore o tloga a swa, Rebeka o ne a dira dithulaganyo tsa go tlhomamisa gore Jakobe o amogela tshiamelo ya botsalwapele jo Esau a bo abileng. Fa moragonyana Esau a ne a lemoga gore o dirile tshwetso ya boeleele, o ne a kopa Isake jaana: “Le nna ntshegofatse, rra! . . . A ga o a ntshadisetsa tshegofatso epe?” Fa Isake a ne a mmolelela gore a ka se kgone go fetola tshegofatso e a neng a setse a e neile Jakobe, “Esau [o ne] a tsholetsa lentswe la gagwe mme a thubega ka selelo.”—Gen. 27:30-38.

10. Jehofa o ne a leba jang Esau le Jakobe mme ka ntlha yang?

10 Ke eng se se tlhomologileng se Esau a itsegeng ka sone mo Baebeleng? O ne a bontsha gore go kgotsofatsa keletso ya nama go botlhokwa go na le masego a a neng a tla nna le one fa a ne a ka amogela boswa jwa gagwe. Esau ga a ka a anaanela tshiamelo e a neng a na le yone ya botsalwapele e bile go ne go bonala sentle gore o ne a sa rate Modimo. Mo godimo ga moo, o ne a itlhokomolosa gore se a neng a se dira se ne se tla ama bana ba gagwe jang. Mme Jakobe ene o ne a anaanela boswa jwa gagwe thata. Ka sekai, o ne a dira se batsadi ba gagwe ba neng ba mo laela gore a se dire malebana le go tlhopha mosadi. (Gen. 27:46–28:3) E re ka Jakobe a ne a dirile tshwetso eno e e neng e tlhoka gore a nne pelotelele a bo a intshe setlhabelo, o ne a nna rraagwemogologolwane wa ga Mesia. Modimo o ne a leba jang Esau le Jakobe? Jehofa o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Malaki: “Ke ne ka rata Jakobe, mme Esau ene ke ne ka mo tlhoa.”—Mal. 1:2, 3.

11. (a) Ke eng fa sekai sa ga Esau se ama Bakeresete gompieno? (b) Ke eng fa Paulo a ne a tshwantsha se Esau a se dirileng le kgokafalo?

11 A se Baebele e se bolelang malebana le Esau se ka ama Bakeresete gompieno? Ee ruri. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa badumedimmogo le ene gore ba ikele tlhoko gore “go se ka ga nna le mogokafadi ope le fa e le mongwe yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo, jaaka Esau, yo o neng a aba ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a bone sejo se le sengwe fela.” (Baheb. 12:16) Tlhagiso eo e sa ntse e le mosola le mo Bakereseteng. Re tshwanetse go tswelela re anaanela dilo tse di boitshepo gore re se ka ra fekeediwa ke dikeletso tsa nama mme ra latlhegelwa ke boswa jwa rona jwa semoya. Mme gone, ke eng fa Paulo a ne a tshwantsha se Esau a se dirileng le kgokafalo? Ka gonne go nna le boikutlo joo jwa go rata dilo tsa nama fela jaaka Esau go ka dira gore go nne motlhofo gore motho a latlhegelwe ke dilo tse di boitshepo, ka ntlha ya monate wa nakwana wa boitsholo jo bo sa siamang jo bo jaaka kgokafalo.

 BAAKANYA PELO YA GAGO GONE JAANONG

12. (a) Satane o re raela ka ditsela dife? (b) Naya dikai tse di mo Baebeleng tse di ka re thusang fa re tshwanetse go dira ditshwetso tse di boima.

12 Ga go pelaelo gore rona batlhanka ba ga Jehofa ga re senke maemo a a ka re raelang a a ka dirang gore re dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Go na le moo, re rapela gore Jehofa Modimo a se ka a re letla gore re nne mo maemong a a ka dirang gore re ineele fa mongwe a re raela gore re se ka ra mo ikobela. (Math. 6:13) Mme gone, Satane o nna a leka go re koafatsa semoyeng fa re ntse re leka go boloka bothokgami mo lefatsheng leno le le tletseng boitsholo jo bo sa siamang. (Baef. 6:12) E re ka Diabolo e le mmusi wa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, o itse kafa a ka dirisang ka gone dikeletso tsa rona tsa bosaitekanelang, ka go dirisa dilo tse gantsi di raelang batho ba ba sa itekanelang. (1 Bakor. 10:8, 13) Ka sekai, akanya o le mo boemong jo bo ka dirang gore o batle go kgotsofatsa keletso ya nama ka go dira boitsholo jo bo sa siamang. O tla dira tshwetso efe? A o tla tshwana le Esau mme o re: ‘Nneye ka bonako!’ Kgotsa a o tla fenya thaelo mme o tshabe, fela jaaka morwa Jakobe e bong Josefa yo o neng a raelwa ke mosadi wa ga Potifaro?—Bala Genesise 39:10-12.

13. (a) Gompieno batho ba le bantsi ba ile ba itshwara jang jaaka Josefa, mme ba bangwe bone ba ile ba itshwara jang jaaka Esau? (b) Dikai tsa batho ba ba itshwarang jaaka Esau di bontsha gore re tshwanetse go ikela tlhoko mo go eng?

13 Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ile ba lebana le maemo a mo go one ba ileng ba tshwanelwa ke go tlhopha gore a ba tla itshwara fela jaaka Esau kgotsa Josefa. Ba le bantsi ba ile ba dira ditshwetso tse di botlhale mme ba ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Dia. 27:11) Le fa go ntse jalo, bangwe ba badumedimmogo le rona ba ile ba tlhopha go itshwara jaaka Esau, ka go ipaya mo kotsing ya go latlhegelwa ke boswa jwa bone jwa semoya fa ba ne ba lebane le thaelo. Tota e bile, ngwaga le ngwaga go tshwarwa dikgetsi di le dintsi tse mo go tsone batho ba tseelwang dikgato kgotsa ba kgaolwang ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ruri go botlhokwa gore re baakanye dipelo tsa rona gone jaanong—go sa le gale pele ga re lebana le maemo a a ka lekang bothokgami jwa rona! (Pes. 78:8) Go na le dilo di ka nna pedi tse di ka re sireletsang fela jaaka lorako fa re lebane le diteko mme tsa re thusa gore re dire ditshwetso tse di botlhale.

AKANYA MME O INONOTSHE

Re nonotsha boikemisetso jwa rona ka go batla botlhale jwa ga Jehofa

14. Ke dipotso dife tse go akanya ka tsone go tla re thusang gore re ‘tlhoe se se boikepo’ mme re ‘ngaparele se se molemo’?

14 Sa ntlha se re ka se dirang ke go akanya ka ditlamorago tsa se re se dirang. Tsela e kgolo e re anaanelang boswa jwa rona jwa semoya ka yone e ikaegile thata ka lorato lo logolo lo re ratang Jehofa ka lone, Ene yo o re neileng boswa joo. Kana e bile, fa re rata mongwe, ga re batle go mo utlwisa botlhoko. Go na le moo, re leka ka natla gore a re amogele. Fa go ntse jalo, go tla bo go le molemo gore re iphe nako ya go akanya kafa go ineelela dikeletso tse di leswe tsa nama go ka amang rona le ba bangwe ka gone. Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Go ikakanyetsa ke le nosi go tla ama jang kamano ya me le Jehofa? Ditshwetso tsa me tse di phoso di tla ama jang ba lelapa la me? Di tla ama jang bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong? A gongwe nka kgopisa ba bangwe?’ (Bafil. 1:10) Gape re ka ipotsa jaana: ‘A go ijesa monate ka nakwana fela ka go dira boitsholo jo bo sa siamang go ka nkutlwisa botlhoko? A tota ke batla go tshwana le Esau mme ke thubege ka selelo fa ke lemoga se ke se dirileng?’ (Baheb. 12:17) Go akanya ka dipotso tseno go tla re thusa gore re ‘tlhoe se se boikepo’ mme re ‘ngaparele se se molemo.’ (Bar. 12:9) Lorato lo re ratang Jehofa ka lone ke lone lo segolobogolo lo tla re tlhotlheletsang gore re ngaparele boswa jwa rona.—Pes. 73:28.

15. Ke eng se se tla nonotshang boikemisetso jwa rona jwa go emelana le dilo tse di ka koafatsang bomoya jwa rona?

15 Sa bobedi se re ka se dirang ke go nonotsha  boikemisetso jwa rona. Jehofa o dirile dilo tse dintsi tse di tla re thusang go nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go emelana le dilo tse di mo lefatsheng leno, tse di ka re koafatsang semoyeng. Di akaretsa go ithuta Baebele, dipokano tsa Bokeresete, tirelo ya tshimo le thapelo. (1 Bakor. 15:58) Nako le nako fa re bulela Jehofa mafatlha ka thapelo kgotsa fa re nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete, re itshireletsa kgatlhanong le dithaelo. (Bala 1 Timotheo 6:12, 19.) Go ya bokgakaleng jo bo rileng, gore re kgone go itshireletsa, go ikaegile ka gore re dira maiteko go le kana kang. (Bagal. 6:7) Seno se gatelelwa mo kgaolong ya bobedi ya buka ya Diane.

‘NNA O BO SENKA’

16, 17. Re ka kgona jang go nna le bokgoni jwa go dira ditshwetso tse di botlhale?

16 Diane kgaolo 2 e re rotloetsa gore re batle botlhale le bokgoni jwa go akanya. Dinonofo tseno di re thusa go tlhopha magareng ga se se siameng le se se phoso le magareng ga go ikgapa le go rata go ikgotsofatsa. Mme gone, gore re kgone go dira jalo, re tlhoka go dira maiteko. Baebele e bua jaana fa e gatelela boammaaruri jwa seno: “Morwaaka, fa e le gore o tla amogela mafoko a me mme wa boloka ditaelo tsa me mo go wena, gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong; mo godimo ga moo, fa o tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo. Gonne Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.”—Dia. 2:1-6.

17 Ka jalo, ga go pelaelo gore, e le gore re kgone go nna le bokgoni jo re bo tlhokang go dira ditshwetso tse di botlhale, go ikaegile ka gore a re dira dilo go dumalana le se se kwadilweng mo go Diane. Re ka kgona go fenya dithaelo fa re letla mafoko a ga Jehofa gore a bope se re leng sone mo teng, fa re nna re kopa kaelo ya Modimo le fa re tswelela re batla kitso ya Modimo jaaka e kete re batla matlotlo a a fitlhegileng.

18. O ikemiseditse go tswelela o dira eng mme ka ntlha yang?

18 Jehofa o naya batho kitso, tlhaloganyo, temogo le botlhale fa ba dira maiteko a go batla dinonofo tseno. Fa re di batla le go di dirisa, re tla atamalana le Monei wa tsone e bong Jehofa. Mme kamano e e gaufi e re nang le yone le Jehofa Modimo e tla re sireletsa fa re lebane le thaelo. Go atamalana le Jehofa le go boifa go mo kgopisa go tla re thusa gore re se ka ra dira diphoso. (Pes. 25:14; Jak. 4:8) E kete botsala jo re nang le jone le Jehofa le go dirisa botlhale jwa Modimo go ka re tlhotlheletsa gore re nne re dira ditshwetso tse di tla itumedisang pelo ya ga Jehofa le go sireletsa boswa jwa rona.