A o Ile wa Fetoga?
“Lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona.”—BAR. 12:2.
1, 2. Tsela e re godisitsweng ka yone le lefelo le re tshelang mo go lone di re ama jang?
ROTLHE re tlhotlhelediwa thata ke tsela e re godisitsweng ka yone le lefelo le re tshelang mo go lone. Re apara ka tsela e e rileng; re rata dijo tse di rileng; re itshwara ka tsela e e rileng. Ka ntlha yang? Lengwe la mabaka ke ka gonne re tlhotlhelediwa ke batho ba re tshelang le bone le maemo a rona a botshelo.
2 Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di botlhokwa thata go feta dijo tse re di ratang le mofuta wa diaparo tse re di ratang. Ka sekai, tsela e re godisitsweng ka yone, e ka dira gore re lebe dilo dingwe di siame e bile di amogelesega mme tse dingwe re di lebe di sa siama e bile di sa amogelesege. Bontsi jwa dilo tseno ke tse mongwe le mongwe a tlhokang go itirela tshwetso mo go tsone mme ditshwetso tsa batho di ka se tshwane. Ditshwetso tse re di dirang di ka nna tsa bontsha tsela e segakolodi sa rona se re kaelang ka yone. Baebele ya re, gantsi “batho ba ditšhaba ba ba se nang molao ba dira ka tlholego dilo tsa molao.” (Bar. 2:14) A mme seno se raya gore fa go se na molao wa Modimo o o tlhalositsweng ka tlhamalalo, re ka nna ra latela ditsela le mekgwa e re godisitsweng ka yone le e e tlwaelegileng mo lefelong la rona?
3. Ke mabaka afe a mabedi a a dirang gore Bakeresete ba se ka ba dira dilo go ya ka mekgwa ya lefatshe leno le tsela e le dirang dilo ka yone?
3 Go na le mabaka a ka nna mabedi a botlhokwa a go bo Bakeresete ba sa dire jalo. La ntlha, Baebele e re gakolola jaana: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.” (Dia. 16:25) Ka gonne re sa itekanela, ga re na bokgoni jwa go lemoga gore ke eng se tota se ka re solegelang molemo gore re kgone go kaela dikgato tsa rona ka tsela e e siameng. (Dia. 28:26; Jer. 10:23) La bobedi, Baebele e bontsha gore Satane ke ene a laolang mekgwa ya lefatshe leno le tsela e lefatshe leno le dirang dilo ka yone, ka gonne ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakor. 4:4; 1 Joh. 5:19) Ka jalo, fa re batla gore Jehofa a re segofatse a bo a re amogele, re tshwanetse go ikobela kgakololo e e mo go Baroma 12:2.—E bale.
4. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?
4 Go na le dintlha di le mmalwa tsa botlhokwa tse di kwadilweng mo go Baroma 12:2, tse re tshwanetseng go di ela tlhoko thata. (1) Ke eng fa re tshwanetse go ‘fetoga’? (2) Ke eng se re tlhokang go se fetola? mme (3) Re ka fetoga jang? Mma re sekasekeng dipotso tseno.
KE ENG FA RE TSHWANETSE GO FETOGA?
5. Mafoko a ga Paulo a a mo go Baroma 12:2 a ne a na le bokao jo bo kgethegileng mo go bomang?
5 Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Baroma, o ne a bua le Bakeresetemmogo le ene ba batlodiwa, e seng le batho ba e seng badumedi kgotsa batho ka kakaretso. (Bar. 1:7) O ne a ba kgothaletsa gore ba fetoge le gore ba ‘tlogele go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.’ Mo Bakereseteng ba kwa Roma, mo e ka nnang ka 56 C.E., ‘tsamaiso ya dilo’ e ne e akaretsa melao, meetlo, mekgwa, le tsela ya go dira dilo e e neng e tlwaelegile kwa Roma. Paulo o dirisa lefoko le le reng “tlogelang,” e leng se se bontshang gore bangwe ba bone ba ne ba sa ntse ba tlhotlhelediwa ke tsamaiso eo ya dilo. Tsamaiso eo, e ne e tlhotlheletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka tsela efe ka nako eo?
6, 7. Mo motlheng wa ga Paulo, boemo jwa botshelo le jwa bodumedi kwa Roma e ne e le kgwetlho jang mo Bakereseteng?
6 Gompieno, batho ba ba etelang kwa Roma gantsi ba bona masaledi a ditempele, mabitla, difikantswe, ditadiamo, mafelo a bobogelo le dilo tse dingwe. Mangwe a masaledi ano ke a dilo tse di sa leng di le gone go tloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga. Masaledi ano a nako e e fetileng a re bontsha gore Baroma ba bogologolo ba ne ba tshela jang le gore ba ne ba dumela eng. Gape mo dibukeng tsa hisitori re bala ka metshameko ya batlhabani, mabelo a dikara, diterama mmogo le diterama tsa mmino tse di malebana le dilo tse di farologaneng, tse dingwe tsa tsone di tlhabisang ditlhong. Mme gape, Roma e ne e le lefelo le le atlegileng la kgwebo, ka jalo, go ne go na le ditshono tse dintsi tsa gore motho a ka huma.—Bar. 6:21; 1 Pet. 4:3, 4.
7 Le fa Baroma ba ne ba na le ditempele di le dintsi tse di nang le medimo e mentsi, ba ne ba se na kamano ya mmatota le medimo e ba neng ba e obamela. Bodumedi jwa Baroma bo ne bo ba tlhoka gore ba nne le seabe mo dingwaong tse di jaaka—tsa tsalo, manyalo le diphitlho—tse e neng e le karolo ya botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. O ka akanya fela gore seno e ne e le kgwetlho e e kana kang mo Bakereseteng ba kwa Roma. Bontsi jwa bone ba ne ba dira dilo tse di ntseng jalo, ka jalo, ga go pelaelo gore ba ne ba tlhoka go fetoga gore ba nne Bakeresete ba boammaaruri, mme diphetogo tse ba neng ba tlhoka go di dira di ne di sa felele fela ka letsatsi le ba neng ba kolobediwa ka lone.
8. Lefatshe le gwetlha Bakeresete jang gompieno?
8 Fela jaaka go ne go ntse kwa Roma, gompieno lefatshe le re tshelang mo go lone ke kgwetlho mo Bakereseteng. Ke eng fa go ntse jalo? Ka gonne moya wa lefatshe o bonala ka ditsela di le dintsi. (Bala Baefeso 2:2, 3; 1 Johane 2:16.) E re ka letsatsi le letsatsi re tshela mo lefatsheng le dikeletso tsa lone, tsela ya lone ya go akanya le mekgwa ya lone e ka re tlhotlheletsang, re nna re le mo kotsing ya go hupediwa ke tsela ya lone ya go dira dilo. Ka jalo, re na le lebaka le le utlwalang la go ikobela kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya gore re ‘tlogele go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme re fetolwe.’ Re tshwanetse go dira eng?
KE ENG SE RE TLHOKANG GO SE FETOLA?
9. Batho ba le bantsi ba ile ba dira diphetogo dife pele ga ba kolobediwa?
9 Fa motho a ntse a ithuta Baebele le go dirisa se a se ithutang, o simolola go gatela pele semoyeng. O bontsha kgatelopele eno ka go dira diphetogo mo botshelong go dumalana le se a se ithutileng. O latlha dingwao tsa bodumedi jwa maaka le mekgwa e e sa rategeng e a neng a tshela ka yone, a bo a lwela go nna le botho jwa Bokeresete. (Baef. 4:22-24) Re itumelela go bona batho ba le dikete di le makgolokgolo ba gatela pele jalo ngwaga le ngwaga mme ba tshwanelega go kolobediwa go bontsha gore ba ineela mo go Jehofa Modimo. Ga go pelaelo gore seno se ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Dia. 27:11) Le fa go ntse jalo, go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana: A mme gone diphetogo tseno ke sone fela se se tlhokegang?
10. Go fetolwa go farologana jang le go tokafadiwa?
10 Boammaaruri ke gore, go fetoga go akaretsa se se fetang fela go gatela pele kgotsa go tokafatsa. Sengwe se se rekisiwang se ka bewa letshwao la gore se “tokafaditswe,” mme gone e sa ntse e le sone selo seo. Go ka tswa go tsentswe fela sengwe se sesha e bile se phuthetswe ka tsela e e kgatlhang. Ntlha e e kwadilweng mo go Vine’s Expository Dictionary e tlhalosa mafoko ‘go fetolwa’ jaana: “Mo go Baroma 12:2, go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo go bapisiwa le go fetolwa ka go ntšhafadiwa kgotsa go fetolwa ga tsela e re akanyang ka yone, ka maatla a Moya o o Boitshepo.” Ka jalo, phetogo e Mokeresete a tshwanetseng go e dira ga se fela go tlogela mekgwa e e sa siamang, puo e e leswe le boitshwaro jo bo sa siamang. Batho bangwe ba ba se nang kitso ya Baebele ba leka ka natla gore ba se ka ba dira dilo tseno. Ka jalo, ke eng se se akarediwang ke phetogo e Mokeresete a tshwanetseng go e dira?
11. Paulo o ne a re motho o tlhoka go dira eng gore a fetoge?
11 Paulo o ne a re: “Lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona.” Lefoko “mogopolo” le tsamaisana le bokgoni jwa rona jwa go akanya. Mme tsela e le dirisitsweng ka yone mo Baebeleng, e akaretsa dilo tse re ratang go akanya ka tsone, maikutlo a rona le maatla a rona a go akanya. Pelenyana mo lekwalong le a neng a le kwalela Baroma, Paulo o ne a bua ka batho ba ba neng ba na le “mogopolo o o sa amogelweng.” Batho bano ba ne ba na le mekgwa e e jaaka “tshiamololo . . . , boikepo, keletso ya bopelotshetlha, bosula, ba tletse lefufa, polao, kgogakgogano, tsietso” le mekgwa e mengwe e e maswe. (Bar. 1:28-31) Re kgona go lemoga lebaka la go bo Paulo a ne a rotloetsa batho ba ba neng ba goletse mo maemong ao mme ba nna batlhanka ba Modimo, gore ba “fetolwe” mme ba ‘fetole megopolo ya bone.’
‘A bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.’—Baef. 4:31
12. Ke eng se o se lemogang ka tsela e batho ba akanyang ka yone gompieno, mme mokgwa ono o ka nna kotsi jang mo Bakereseteng?
12 Se se utlwisang botlhoko ke gore, re tshela mo lefatsheng le batho ba lone ba ntseng fela jaaka ba Paulo a ileng a bua ka bone. Ba ka tswa ba akanya gore go tshela ka melao le melaometheo ke go se tlhabologe kgotsa go se batle go amogela dikgopolo tse disha. Barutabana le batsadi ba le bantsi ba letlelela dilo tseno e bile ba kgothaletsa tsela ya go akanya ya gore mongwe le mongwe o na le “kgololesego” ya go dira jaaka a batla. Go ya ka bone, ga go na tsela ya go itse se se siameng le se se sa siamang. Tota le batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ke badumedi, ba akanya gore ba na le kgololesego ya go dira se ba akanyang gore se siame mme ga ba tlhoke go ikobela Modimo le melao ya gagwe. (Pes. 14:1) Mokgwa ono wa go akanya o ka nna kotsi mo Bakereseteng ba boammaaruri. Ba ba seng kelotlhoko ba ka simolola go akanya jalo malebana le dithulaganyo tsa puso ya Modimo. Ba ka nna ba se ka ba batla go tsamaisana le dithulaganyo tsa phuthego ba bo ba ngongorega ka sengwe le sengwe se ba sa se rateng. Kgotsa ba ka nna ba belaela kgakololo e e mo Baebeleng e e malebana le boitlosobodutu, go dirisa Internet le go gagamalela thuto ya ditheo tse di kwa godimo.
13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itlhatlhoba ka tlhoafalo?
13 Ka jalo, e le gore re se ka ra tshwana le lefatshe leno, kgotsa re se ka ra tlhola re le letla go re bopa, re tlhoka go tlhatlhoba ka tlhoafalo maikutlo a rona, mekgele ya rona le dilo tse re di tsayang di le botlhokwa. Dilo tseno ke tse batho ba ka tswang ba sa di bone. Bangwe ba ka nna ba re bolelela gore re dira sentle. Le fa go ntse jalo, ke rona fela re itseng gore a re letlile se re se ithutileng mo Baebeleng go re fetola le go tswelela se re fetola mo dintlheng tseno tsa botlhokwa.—Bala Jakobe 1:23-25.
KAFA RE FETOGANG KA GONE
14. Ke eng se se tla re thusang gore re dire diphetogo tse di tlhokegang?
14 E re ka re tshwanetse go fetoga mo pelong, re tlhoka sengwe se se ka fetolang se tota re leng sone. Ke eng se se ka re thusang go dira jalo? Fa re ithuta gore Jehofa o batla gore re dire eng go dumalana le maikaelelo a gagwe a a kwadilweng mo Baebeleng, tsela e re tsibogelang se re se balang ka yone e tla senola se se leng mo pelong ya rona le gore ke diphetogo dife tse re tlhokang go di dira gore re dire dilo go dumalana le “thato ya Modimo . . . e e itekanetseng.”—Bar. 12:2; Baheb. 4:12.
15. Tsela e Jehofa a re bopang ka yone e ka dira gore re fetoge jang?
15 Bala Isaia 64:8. Tsela e moporofeti Isaia a neng a dirisa tshwantshiso eno ka yone e re bontsha ntlha e re tshwanetseng go e ela tlhoko. Mmopi wa Letsopa e bong Jehofa o re bopa jang, rona letsopa? Boammaaruri ke gore, ga a fetole tsela e re lebegang ka yone ka fa ntle, gongwe a dira gore re nne bantle kgotsa gore re nne le ditebego tse di kgatlhang. Jehofa o re thapisa semoyeng. Fa re mo letla gore a re bope, re tla fetoga mo teng, kgotsa semoyeng—e leng se tota re se tlhokang gore re kgone go gana tlhotlheletso ya lefatshe. O re bopa ka tsela e e ntseng jang?
16, 17. (a) Tlhalosa gore mmopi wa letsopa o dira eng gore a kgone go bopa sejana se sentle sa letsopa. (b) Lefoko la Modimo le re thusa jang gore re fetoge go nna sengwe se se tlhwatlhwakgolo mo go Jehofa?
16 Mmopi wa letsopa o dirisa letsopa la maemo a a kwa godimo gore a dire dilwana tse dintle tsa letsopa. Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le pedi tse a tshwanetseng go di dira. Sa ntlha, o tshwanetse go tlhatswa letsopa gore a ntshe leswe lepe fela le le ka senyang letsopa leo. Go tswa foo, o tlhakanya letsopa le metsi a a lekaneng a bo a le duba gore le se ka la senyega fa a sena go le bopa.
17 Ela tlhoko gore metsi a dirisiwa go ntsha leswe mo letsopeng le go le dira gore go nne motlhofo go bopa dijana ka lone, tota le tse di seng thata. A re bona kafa Lefoko la Modimo le ka fetolang matshelo a rona ka tsela e e tshwanang ka gone? Le ka re thusa go tlosa tsela ya bogologolo e re neng re akanya ka yone fa re ne re sa itse Modimo, mme re fetoge go nna sengwe se se tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe. (Baef. 5:26) Akanya fela gore ke makgetlho a mantsi jang a re ileng ra rotloediwa gore re bale Baebele letsatsi le letsatsi, le gore re nne gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa go ithutiwang Lefoko la Modimo gone. Ke ka ntlha yang fa re ile ra kgothalediwa go dira jalo? Ka gonne fa re dira jalo, re letla Jehofa gore a re bope.—Pes. 1:2; Dit. 17:11; Baheb. 10:24, 25.
18. (a) E le gore Lefoko la Modimo le re tlhotlheletse le bo le re fetole, ke eng fa re tshwanetse go tlhatlhanya ka lone? (b) Ke dipotso dife tse di ka re thusang?
18 Fa re batla gore Lefoko la Modimo le re fetole, re tlhoka go dira se se fetang fela go bala Baebele le go e ithuta ka metlha. Batho ba le bantsi ba bala Baebele gangwe le gape mme ka jalo ba itse se e se buang. Gongwe o ile wa kopana le batho ba ba ntseng jalo fa o le mo bodireding. Ba bangwe e bile ba kgona go umaka ditemana tsa Baebele ka tlhogo. * Le fa go ntse jalo, seno se ka tswa se sa tlhotlheletse tsela e ba akanyang ka yone kgotsa e ba tshelang ka yone. Ke eng se ba sa ntseng ba tlhoka go se dira? Gore Lefoko la Modimo le tlhotlheletse motho le go mo fetola, o tshwanetse go le letla gore le tsenelele mo pelong ya gagwe. Ka jalo, re tshwanetse go ipha nako ya go akanya ka se re se ithutang. Go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana: ‘A ke tlhatswegile pelo gore eno ga se thuto nngwe fela ya bodumedi? A ga ke ise ke lemoge gore ke boammaaruri? Mo godimo ga moo, a ke lemoga kafa nka dirisang se ke se ithutang ka gone mme ke sa se lebe fela e le sengwe se ke tshwanetseng go se ruta ba bangwe? A ke ikutlwa e kete Jehofa o bua le nna?’ Go akanya ka dipotso tseno le go tlhatlhanya ka tsone go ka re thusa gore re nonotshe tsela e re ikutlwang ka yone ka Jehofa mo pelong. Tsela e re mo ratang ka yone e tla nonofa. Mme fa pelo ya rona e tlhotlheletsegile, re tla dira diphetogo tse di tla re solegelang molemo.—Dia. 4:23; Luke 6:45.
19, 20. Re ka solegelwa molemo ke go dirisa kgakololo efe ya Baebele?
19 Go bala Lefoko la Modimo ka metlha le go tlhatlhanya ka lone, go tla re tlhotlheletsa gore re tswelele re dira sengwe se Paulo a neng a re re se dire: ‘Go apola botho jwa bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme re apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri.’ (Bakol. 3:9, 10) Re tla tswelela re atlega mo ntlheng eno fa re tlhaloganya sentle se Lefoko la Modimo le se kayang e bile re le letla go re tlhotlheletsa. Botho jo bosha jwa Bokeresete jo re tla nnang le jone, bo tla re thusa gore re sireletsege kgatlhanong le maano a a boferefere a ga Satane.
20 Moaposetoloi Petere o re gakolola jaana: “Jaaka bana ba ba utlwang, tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone . . . nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona.” (1 Pet. 1:14, 15) Go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tlose dikakanyo le mekgwa e re neng re na le yone, mme re itetla go fetolwa, go tla dira gore re segofadiwe, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.
^ ser. 18 Bona sekai se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 1994, tsebe 9, serapa 7.