A go Na le Se Modimo a se Dirang?
A go Na le Se Modimo a se Dirang?
“Ke ka ntlha yang, Jehofa fa o nna o emetse kgakala thata? Ke ka ntlha yang fa o nna o iphitlhile mo metlheng ya matshwenyego?” *—PESALEMA 10:1.
DITLHOGO tse re di bonang tsa dikgang di tlhomamisa gore re tshela mo “metlheng ya matshwenyego.” Fa re welwa ke masetlapelo—bokebekwa, kotsi e e masisi kgotsa re swelwa ke mongwe yo re mo ratang—re ka nna ra ipotsa gore, A Modimo o bona seno? A o amega ka rona? A tota o teng?
Le fa go ntse jalo, a o akanya gore gongwe dilo tse re di lebeletseng mo Modimong di ka tswa di ikaegile ka dilo tse di phoso tse re di akanyang? Ka sekai: Akanya ka ngwana yo monnye yo o tenegileng ka gonne rraagwe a ile tirong. Ngwana yono o gopotse rraagwe e bile o eletsa e kete a ka tla gae. O ikutlwa a latlhilwe. Letsatsi lotlhe o nna a botsa gore, “Papa o kae?”
Re kgona go lemoga tsela e e phoso e ngwana yono a akanyang ka yone. Kana tota, ka yone nako eo rraagwe o a bereka gore a kgone go tlamela lelapa lotlhe. A gongwe tsela e re akanyang ka yone e tshwana le ya ngwana yono fa re ntse re re, “O kae Modimo”?
Ka sekai, bangwe ba ka nna ba eletsa e kete Modimo a ka nna modiragatsakatlholo yo tiro ya gagwe ya konokono e leng go atlhola ka bonako batho ba ba dirang dilo tse di bosula. Ba bangwe ba tsaya Modimo a tshwana le Father Christmas yo o nayang batho dimpho—tiro, molekane wa lenyalo kgotsa le e leng go gapa lothari.
Dikakanyo tseno tse pedi di bontsha gore batho ba na le kgopolo ya gore fa Modimo a sa atlhole batho ba ba bosula ka bonako kgotsa a sa re neye dilo tse re mo kopang tsone, seo se raya gore o tshwanetse a bo a sa re sepe ka pogo e re lebanang le yone e bile ga a lemoge dilo tse re di tlhokang. Mme gone, seo ga se boammaaruri le e seng. Ntlha ke gore gone jaanong Jehofa Modimo o ntse a tlamela lelapa lotlhe la batho, le fa a dira jalo ka tsela e bontsi jwa rona re neng re sa e lebelela.
Fa go le jalo, ke eng se Modimo a se dirang? Go araba potso eno, re tshwanetse go sekaseka se se ileng sa direga kwa tshimologong fa kamano e Modimo a neng a na le yone le batho e ne e senyega—le fa seo se ne se sa reye gore e ne e se kitla e baakanngwa.
Ditlamorago Tse di Utlwisang Botlhoko Tsa Boleo
Akanya ka ntlo e e tlogetsweng dingwagangwaga e sa tlhokomelwe. Marulelo a yone a wetse mo teng, dikgoro di kgomogile mo dikoseneng mme e senyegile kafa ntle. Ntlo eno e kile ya bo e le ntle—mme gone jaanong e senyegile. Fa o akanya kafa ntlo eo e senyegileng thata ka gone, go e baakanya e tla nna namane e tona ya tiro; ga e kitla e baakanngwa ka letsatsi le le lengwe.
Jaanong akanya ka tshenyo e e neng ya direga dingwaga di ka nna 6 000 tse di fetileng fa sebopiwa Genesise 1:28) Le fa go ntse jalo, fa Adame le Efa ba ne ba leofa go ne go ntse jaaka e kete ba senya lelapa la batho le le neng le ise le nne gone.
sengwe sa moya e bong Satane, se ne se raela Adame le Efa gore ba tsuologele Modimo. Pele seo se direga, banyalani ba ntlha ba ne ba itumelela botsogo jo bo molemo ba itekanetse ba na le tsholofelo ya gore ba tla tshelela ruri le dikokomana tsa bone tse di neng di tla tsholwa mo isagweng. (O se ka wa akanya gore ditlamorago tse di botlhoko tsa botsuolodi jwa bone ga di maswe go le kalo. Baebele ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho [Adame] a le mongwe le loso ka boleo.” (Baroma 5:12) Boleo ga bo a ka jwa tlisa loso fela mme bo ile jwa senya kamano ya rona le Mmopi e bile bo ile jwa re ama mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Ka ntlha ya seo, boemo jwa rona bo tshwana le jwa ntlo ele e e senyegileng. Monna yo o siameng e bong Jobe o ne a bua boammaaruri fa a ne a sobokanya seemo se re leng mo go sone ka go re motho o “botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.”—Jobe 14:1.
Mme gone, a Modimo o ne a latlha batho botlhe fa Adame le Efa ba sena go tsuologa? Nnyaa le e seng! Tota e bile fa e sa le ka nako eo go fitlha jaanong, Rraarona yo o kwa legodimong o ntse a thusa batho. Gore re tokafatse tsela e re anaanelang ka yone se a re direlang sone, a re sekasekeng dilo di le tharo tse motho a tshwanetseng go di dira gore a baakanye ntlo le kafa nngwe le nngwe ya dilo tseno di amanang ka gone le se Modimo a ileng a se dira go thusa batho.
1 Fa mong wa ntlo a sena go tlhatlhoba ntlo e e senyegileng, o tshwanetse go swetsa ka gore a o tla e baakanya kgotsa o tla e thuba.
Morago fela ga botsuolodi jwa kwa Edene, Jehofa Modimo o ne a itsise boikaelelo jwa gagwe jwa go busetsa batho mo boemong jwa bone jwa pele. O ne a raya sebopiwa sa moya se se neng se tlhotlheleditse botsuolodi joo a re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”—Genesise 3:15.
Fa Jehofa a ne a bua mafoko ano, o ne a solofetsa go nyeletsa motho yo o tlhotlheleditseng botsuolodi jwa kwa Edene. (Baroma 16:20; Tshenolo 12:9) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a bolelelapele gore “losika” lwa mo isagweng lo tla golola batho mo boleong. * (1 Johane 3:8) Ditsholofetso tseno tse Jehofa a neng a di dira di gatelela ntlha eno ya botlhokwa: Modimo o ne a tla baakanya popo ya gagwe e seng go e senya. Mme gone go busetsa batho mo boemong jwa bone jwa pele go ne go tla tsaya nako.
2 Motlhami wa dipolane o dira polane e e bontshang sentle gore ntlo eo e tla nna jang fa e sena go baakanngwa.
Jehofa Modimo o ne a naya Baiseraele melao mme a dira polane ya tempele e ba neng ba tla mo obamela mo go yone. Baebele ya re: “Dilo tseo ke moriti wa dilo tse di tlang.” (Bakolosa 2:17) Fela jaaka dipolane tse di dirilweng tsa ntlo, dilo tseno di ne di bontsha gore go na le sengwe se segolo se se neng se tla direga.
Lefitiko 17:11) Se ba neng ba se dira se ne se tshwantshetsa setlhabelo se segolo se se neng se tla ntshiwa mo makgolokgolong a dingwaga a a latelang—setlhabelo se se neng se tla leretse batho thekololo ya mmatota. * Tsela e motlaagana le tempele di neng di dirilwe ka yone tse Baiseraele ba neng ba obamela Modimo mo go tsone di ne di emela dilo tse Mesia yo o tlang mo isagweng a neng a tla di dira, go simologa ka loso lwa gagwe lwa setlhabelo go fitlha ka nako ya fa a ne a tlhatlogela kwa legodimong.—Bona tšhate e e mo go tsebe 7.
Ka sekai, Baiseraele ba ne ba ntsha diphologolo ditlhabelo gore ba itshwarelwe maleo a bone. (3 Go tlhophiwa moagi yo o tla latelang polane ya ntlo le go e baakanya.
Jesu e ne e le Mesia yo o neng a solofeditswe yo o neng a tla latela mokgwa o o neng o dirwa ke Baiseraele fa ba ne ba ntsha ditlhabelo mme o ne a tla ntsha botshelo jwa gagwe go rekolola batho. Ke gone ka moo, Johane Mokolobetsi a neng a re Jesu ke “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.” (Johane 1:29) Jesu o ne a amogela kabelo eo ka go rata. O ne a re: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.”—Johane 6:38.
Thato ya Modimo ka Jesu e ne e se fela gore a ‘ntshe moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi’ mme gape e ne e le gore a dire kgolagano ya Bogosi le balatedi ba gagwe. (Mathaio 20:28; Luke 22:29, 30) Modimo o ne a tla dirisa jone Bogosi joo go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka batho. Molaetsa wa Bogosi jwa Modimo o bidiwa “dikgang tse di molemo” ka gonne di tlhalosa gore Modimo o tlhomile puso kwa legodimong gore a laole dilo tse di diregang mo lefatsheng!—Mathaio 24:14; Daniele 2:44. *
Tiro ya go Tsosolosa e Tsweletse Pele
Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a laela balatedi ba gagwe a re: ‘Dirang batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo. Mme, bonang! Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.’—Mathaio 28:19, 20.
Ka jalo, go dira gore batho ba boele mo boemong jwa bone jwa pele go ne go se kitla go khutla ka loso lwa ga Jesu. Go ne go tla tswelela go fitlha kwa “bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo”—nako e ka yone Bogosi jwa Modimo bo tla simololang go laola lefatshe. Nako eo e gorogile. Re itse seno ka gonne sesupo se Jesu a neng a se bolelelapele malebana le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” jaanong se a diragala. *—Mathaio 24:3-14; Luke 21:7-11; 2 Timotheo 3:1-5.
Gompieno, mo dinageng di le 236, Basupi ba ga Jehofa ba ikobela taelo ya ga Jesu ya gore ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Tota e bile, makasine ono o o o balang o diretswe go go thusa go ithuta go le gontsi ka Bogosi joo le se bo tla se dirang. Mo go tsebe 2 ya makasine ono wa Tora ya Tebelo, o tla fitlhela mafoko ano: “Makasine ono . . . o gomotsa batho ka dikgang tse di molemo tsa gore Bogosi jwa Modimo, jo e leng puso ya mmatota kwa legodimong, bo tla tloga bo fedisa boikepo jotlhe le go fetola lefatshe go nna paradaise. O rotloetsa batho go nna le tumelo mo go Jesu Keresete yo o neng a swa gore re bone botshelo jo bo sa khutleng le yo jaanong a busang e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo.”
Ke boammaaruri gore gone jaanong o sa ntse o ka utlwalela ka ditlhaselo tsa dirukhutlhi, masetlapelo a tlholego kgotsa o ka nna wa welwa ke masetlapelo. Mme go ithuta Baebele go tla go tlhatswa pelo gore Modimo ga a latlha batho. Go na le moo, ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Mme tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re busetsa se batsadi ba rona ba ntlha ba ileng ba se latlha e tla diragala.—Isaia 55:11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 2 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.
^ ser. 16 Go bona tlhaloso ya Genesise 3:15, bona kgaolo 19 ya buka ya Atamalana le Jehofa, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
^ ser. 19 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
^ ser. 22 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo, bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?
^ ser. 25 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 7]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
“Sekaelo sa Selo sa Mmatota”—Se se Tshwantshediwang ke Motlaagana
SEBESO
Go iketleetsa ga Modimo go amogela setlhabelo sa ga Jesu.—BAHEBERA 13:10-12.
MOPERESITI YO MOGOLO
Jesu.—BAHEBERA 9:11.
1 Ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a ntshetsa batho setlhabelo sa maleo.—LEFITIKO 16:15, 29-31.
1 Ka Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a re ntshetsa botshelo jwa gagwe e le setlhabelo.—BAHEBERA 10:5-10; 1 JOHANE 2:1, 2.
BOITSHEPO
Boemo jwa ga Jesu jwa go tlodiwa ka moya e le morwa Modimo.—MATHAIO 3:16, 17; BAROMA 8:14-17; BAHEBERA 5:4-6.
SESIRO
Mmele wa ga Jesu wa senama, o o farologanyang botshelo jwa mo lefatsheng le jwa kwa legodimong.—1 BAKORINTHA 15:44, 50; BAHEBERA 6:19, 20; 10:19, 20.
2 Moperesiti yo mogolo o ne a fetela ka kwa ga sesiro se se kgaoganyang lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo mo go le le Boitshepo.
2 Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ‘ne a fetela ka kwa ga sesiro’ ka go tlhatlogela kwa legodimong ‘go re bonalela fa pele ga Modimo ka namana.’—BAHEBERA 9:24-28.
BOITSHEPO JWA MAITSHEPO
Legodimo.—BAHEBERA 9:24.
3 Fa moperesiti yo mogolo a setse a le mo teng ga Boitshepo jwa Maitshepo, o ne a kgatsha mangwe a madi a setlhabelo fa pele ga letlole la kgolagano.—LEFITIKO 16:12-14.
3 Fa Jesu a ne a isa boleng jwa madi a gagwe a a tsholotsweng, o ne a ntshetsa maleo a rona tetlanyo ya mmatota.—BAHEBERA 9:12, 24; 1 PETERE 3:21, 22.